Monna o tlhokofetse morago ga go tlhabiwa kwa ntlung e rekisang nnotagi kwa Maphoitsile


Ka OBAKENG MAJE

1 Seetebosigo 2026- Sepodisi mono Taung se batlisisa kgetsi ya polao. Se, se tla morago ga gore monna wa dingwaga di le 32 a tlhabiwe kwa ntlung e rekisang nnotagi kwa motseng wa Maphoitsile, gaufi le Taung ka Lamatlhatso.

Sebueledi sa sepodisi sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen are go begwa fa go ile ga nna le kgakgauthano ya mafoko magareng ga moswi, Slow Paole le monna mongwe teng kwa ntlung eo e rekisang nnotagi. Van Rooyen are Paole o ile a tabogisetswa kwa bookelong jwa selegae go bona thuso ya potlako.

“Fela, monna o, o ile a balelelwa le badimo mo go gorogeng ga bone koo. Monna a le mongwe o botsolodiwa ke babatlisisi ba sepodisi mabapi le polao e. Ga gona ope o tshwerweng go fitlha ga jaana, mme go butswe kgetsi ya polao,” van Rooyen wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com