Kgetsi ya polao e buseditswe morago


Setshwantsho: Balatofadiwa, Phemelo Patrick Maine ga mmogo le Onkemetse Phatlhanyane

Ka OBAKENG MAJE

26 Diphalane 2026 – Kgetsi ya polao kgatlhanong le banna ba le babedi, Phemelo Patrick Maine (46) ga mmogo le Onkemetse Phatlhanyane (28) e buseditswe morago ke kgotlhatshekelo ya sedika ya Taung. Kgetsi e buseditswe morago go fitlha 17 Ngwanatsele 2026, go tla go tsena mo dipuisano tsa pele ga tsheko.

Maine le Phatlhanyane ba kwa motseng wa Matlhako 2, gaufi le Pudimoe, ba latofadiwa ka go thopa ka dikgoka le go bolaya Boingotlo Makaota (16). Go begwa fa setopo sa ga Makaota, se bonwe kwa lebitleng le le seng boteng kwa nageng kwa motseng wa Matlhako 2, moragonyana.

Go ya ka moagisani, one a utlwa segajaja sa lekgarebe mo bosigong jwa Labone kwa ntlung ya ga Maine. Go begwa fa moagisani o, gape a tlhalositse fa a ne a bona Maine ga mmogo le ditsala tsa gagwe ba kgorometsa kereibaye e go bontshang fa ene e pegile sengwe mo teng mo mosong wa Labotlhano.

Sebueledi sa maloba sa sepodisi mo Bokone Bophirima, Brigadier Sabata Mokgwabone are: “Sepodisi se ile sa tswa letsholo, mme seo se ile sa lebisa kwa go epololweng ga setopo sa ga Makaota. Go begwa fa setopo seo, sene se thatilwe ka kobo, mme moswi one a supiwa ke ba lelapa la gagwe.

“Dipatlisiso di shupa fa setopo sa ga Makaota, se ne se na le dintho mo tlhogong, mo diropeng ga mmogo le mo maotong. Dipatlisiso di ile tsa bolodiwa kwa lelapeng la ga Maine, mme diaparo tsa moswi di ile tsa fitlhelwa teng.”

Mokgwabone are, Maine o ne a tshwarwa morago ga go ineele kwa sepodising. Are monna o, o ile a isiwa kwa sepodisi ke morwa rragwe, mme one a tshwarwa.

“Sepodisi se ile sa botsolotsa Phatlhanyane o bonweng a tsamaya le Maine fa a ne a kgorometsa kereibaye, mme le ene o ile a lelelwa ke ditshipi,” Mokgwabone wa tlhalosa.

Mokomishinara wa Sepodisi wa nama o sa tshwere wa nako eo mo Bokone Bophirima, Major General Patrick Asaneng, o kgadile ka bogale tiragalo e. Asaneng are polao eo ya go tlhorontshiwa ga bong e kabo e efogilwe fa baagi ba ne ba le malala-a-laotswe.

Kgabagare, kgetsi e buseditswe morago go fitlha di 20 Diphalane 2026, mme e tla nnelwa disanyana pele ga tsheko.

taungdailynews@gmail.com