Monna o latofadiwang ka go bolaya lekgarebe la gagwe o ganetswe ka beile


Setshwantsho: Molatofadiwa wa polao, Kabelo Vincent Mogongwa

Ka REGINALD KANYANE  

Monna wa dingwaga di le 47 wa kwa motseng wa Khibicwane, gaufi le Taung, yo o latofadiwang ka go thuntsa le go bolaya lekgarebe la gagwe, o tlhotse a rototse matlho fa pele ga kgotlhatshekelo ya Taung. Kabelo Vincent Mogongwa o tlhotse a ganetswe ka beile, mme o ka nama a letile kwa ntlolefitshwana go fitlhelela a boela kwa kgotlhatshekelo gape ka di 25 Phukwi 2024.

Mogongwa one a lelelwa ke ditshipi morago ga go latofadiwa ka go thuntsha le go bolaya lekgarebe lagagwe, Tsholofelo Nde Emphukile (38). Go ya ka lephatha la bosekisi, Mogongwa o rerile loso la kgarebe ya gagwe pele ga a ka mo thuntsha.

Go begwa fa lekawana le, le lekgarebe la gagwe, ba ne ba dula botlhe kwa phaphosing e e hirilweng kwa motseng wa Khibicwane.

Go ya ka sebueledi sa sepodisi sa maloba mo Bokone Bophirima, Mokaptein Aaftje Botma, yo ga jaana a rotseng tiro, moagisani wa monna o, o ile a tlhalosetsa sepodisi fa baratani ba, ba gorogile ka ura ya bongwe mo mosong, mme go ile ga tsoga kgakgauthano magareng ga bone.

“O kaile fa a utlwile modumo wa sethunya. Sepodisi se ile sa biletswa kwa lefelong la tiragalo, mme se ile sa fitlhela moswi mogare ga bophadiphadi jwa madi.

“Sepodisi se ile sa patelesega go shaga burglars, gore ba kgone go tsena mo ntlung. Molatofadiwa o ile a tshwarwa, mme one a ganelwa ka beile,” Botma wa tlhalosa.

Kgabagare, Magistrate Thabo Letsapa one a kaela Mogongwa fa mabaka a ntshitseng mo ditheetsong tsa kopo ya beile ese a nonofileng, mme lekgotlha le mo ganela ka beile. Kgetsi e buseditswe morago go fitlha ka di 25 Phukwi 2024 le go shutisediwa kwa Kgotlhatshekelo ya Sedika, fa go ntse go emetswe dipholo tsa sethunya se se dirisitsweng go bolaya moswi.

taungdailynews@gmail.com

Kgetsi ya polao kgatlhanong le monna wa kwa Majaneng e siametse go ja seka 


Ka OBAKENG MAJE

Kgetsi ya polao kgatlhanong le monna (35) wa kwa motseng wa Majaneng, gaufi le Taung, e siametse go kay a tshekong. Motseothata Nelson Seoleseng yo o buseditsweng kwa ntlo-lefitshwana, o latofadiwa ka go tlhaba tsala ya gagwe, Mosimanegape Adam van Wyk (31) ka thiba go fitlhelela a tlhokafala. 

Tiragalo e, e diragetse dikgwedi di le mmalwa kwa motseng wa Majaneng. Go begwa fa Seoleseng ga mmogo le moswi, ba ne ba le mmogo, mme ba ile ba ya kwa gabo molatofadiwa ko ba fitlhetseng morwa rragwe molatofadiwa ana le lekgarebe la gagwe. 

Mongwe wa bo maratahelele wa tlhalosa: “Go begwa fa go ile ga runya kgakgauthano ya mafoko ma gareng ga molatofadiwa le monnawe. Sebakwa sa kgakgauthano ke gore, molatofadiwa one a botsa monnawe gore goreng a tlisa lekgarebe kwa gagabo. 

“Ene ya re fa e ya matsogong, tsala ya molatofadiwa, van Wyk, one a leka go tsiriganya. Fela go begwa fa molatofadiwa a ne a mo tsogela kgatlhanong, mme a mo tsatsanka ka thipa. Go ya ka dipego, moswi one a rwalelwa kwa bookelong jwa sedika jwa Taung, fela one a balelelwa le badimo mo letsatsing le le latelang.” 

Go begwa fa kgetsi ya polao ene ya bulwa, mme mmelaelwa one a tshwarwa. 

Kgabagage, sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen are, kgetsi ya polao e butswe. Kgetsi e buseditswe morago go fitlha 7 Phatwe 2024, go tla go utlwa letsatsi la tsheko.  

taungdailynews@gmail.com

Mosimanyana wa kwa Molelema o latofadiwa ka go betelela kgaitsadie 


Ka OBAKENG MAJE 

Mosimanyana wa dingwaga di le 18 wa kwa motseng wa Molelema, gaufi le Taung, o solofetswe go tlhagelela kwa kgotlhatshekelo ya Taung mo letsatsing la gompieno. Seno se tla morago ga gore a latofadiwe ka go iphanya ka thobalano le kgaitsadie.

Go ya ka sebueledi sa sepodisi mono Bokone Bophirima, Brig Sabata Mokgwabone, mosimanyana o, one a robetse le kgaitsadie (7) kwa phaphosing ya borobalo ya ga mme mmagwe fa tiragalo e ene e direga. 

“Go begwa fa tiragalo e, e diragetse ka di 26 Motseganong 2024. Go ya ka bopaki, mosimanyana o ga mmogo le mongongoregi mo kgetsi e, ba ne ba robetse kwa phaphosing ya borobalo ga mmogo le mme mmagwe. 

“Kgetsi ene ya bulwa, mme molatofadiwa one a tshwarwa. Lephata la sepodisi le le dirang ka dikgetsi tsa petelelo kwa Pudimoe, le ne la tsweletsa dipatlisiso. Molatofadiwa o solofetswe go tlhagelela kwa kgotlhatshekelo ya Taung mo letsatsing la gompieno,” Mokgwabone wa tlhalosa. 

taungdailynews@gmail.com

Kgetsi ya go teketa kgatlhanong le monna wa kwa Matolong e buseditswe morago 


Ka OBAKENG MAJE

Kgetsi ya go teketa kgatlhanong le molatofadiwa wa kwa motseng wa Matolong, gaufi le Taung, Mpumelelo Thobela (41), e buseditswe morago ke kgotlha-tshekelo ya Taung go fitlha ka di 18 Seetebosigo 2024. Thobela yo go begwang fa a ile a teketa mmagwe, one a reboletswe beile ya R500 ke kgotlhatshekelo ya Taung. 

Go ya ka dipego, ka di 2 Motsheganong 2024, Thobela one a goroga kwa gagabo, mme a fitlha a kopa mmagwe (73) madi a go ya go reka nnotagi. Fela, go begwa fa mosadimogolo a ne a itoka fa a sena le peni.

Go begwa fa seo se ile sa shakgatsa Thobela. Go ya ka dipego, Thobela one a mo tlhasela le go mo goga-goga mo mmileng. Go begwa fa mosadimogolo a ne a kuwa mokgosi. Go begwa fa baagisani ba ne ba utlwa selelo seo sa ga Ragele, mme ba mo tlhaga thuso, le go mo namola mo diatleng tsa ga Thobela.

Go ya ka sebueledi sa sa sepodisi mo Bokone Bophirima, Col Adele Myburgh, Thobela gape o latofadiwa ka go tlola molao-peelo wa Protection Order under Domestic Violence Act, 1998 (Act No 116 of 1998).

Kgabagare, mogokaganyi wa sedika wa Women Mobilisation Committee go tswa kwa lekoko la sepolotiki la Economic Freedom Fighters (EFF), Masego Lepedi are: “Jaaka re le bomme, mme re ikarabela ka ntwa kgatlhanong le tshotlakako ya bong, re kgala thata tiragalo e diragetseng. Ditiragalo tsa tshotlakako ya basadi le bana di dintsi, fela boammaruri ke gore setsosa sa kgang ke botlhoka-tiro mo nageng. 

“Ke ka moo rona jaaka EFF re ikuela gore go tlhamiwe ditiro. Botlhoka-tiro ke seemo se se boima, mme se tlhoka go ka tsibogelwa ka nako. Re kgala thata tiragalo e, mme re ikuela gore molao o tseye karolo.”

taungdailynews@gmail.com

Go tlile go tlhomiwa komiti e malebana le kago ya sekolo kwa Shaleng 


Ka OBAKENG MAJE 

Baagi ba motse wa kwa Shaleng, gaufi le Taung, ba kaile fa ba itumeletse kopano e ba nnileng le yone ga mmogo le mokhuduthamaga wa lefapha la thuto mo Bokone Bophirima, Viola Motsumi, mo letsatsing la maabane. 

Baagi ba, ba ne ba bolotsa mogwanto kgatlhanong le thebolo e bokoa ya ditirelo, ebile ba kaile fa ele kgale ba ikuela gore ba agelwe sekolo, tsela ga mmogo le go neelwa dipegelo tsa madi a morafe. 

Moeteledipele wa baagi, Rogers Mongale are: “Kopano ya rona e tlile go tswelela gape mo letsatsing la gompieno le go tla ka toga-maano ya go bona gore sekolo se, se tlile go agiwa ka tsela e ntseng jang. Rena le dingongorego tse di ntsi thata, mme ya ntlha ke gore rena le madi a tsenang mo polokelong ya morafe. Fela, baagi ga ba kgone go bona ditlankana tse di supang gore gona le bokae mo polokelong eo. 

“Nna kena le dingwaga di le thataro ke le leloko la komiti eo ya ga Kgosi Ponatshego Mothibi. Re mo kopile makgetlho a le mantsi gore a tle go neela baagi pegelo eo, fela ga go nnege jalo. Jaaka o bona IEC e dirisa ntlo-lehalahala e ya rona, le yone e ya duelwa mme ga re itse gore madi a teng a ya kae.” 

Mongale are go tloga ka 1994 go fitlha ga jaana, ga ba itse gore IEC e setse e duetse bokae. Are fa gone go dirwa tsela ya bone ya mmu ya dikilomitara di le 15, serori sengwe le sengwe se se neng se rora mmu, sene se duela R900, mme ga ba itse gore madi ao go dirilweng ka one. 

“Madi ao ke madi a morafe, mme ga gona ope o batlang go tsaya maikarabelo. Gape, gona le aerial ya setlamo sa megala ya letheka sa Vodacom, mme e duelwa madi a fetang R250 000, fela le madi ao ga go itsiwe gore a ya kae.

“Fela Mothibi o letse a ipofile gore o tla boela mo go rona go tla go re bontsha gore dipegelo tseo di eme jang,” Mongale wa tlhalosa. 

Kgabagare, Motsumi are jaaka puso, ba tlile go tsereganya jaaka ba itse gore baagi ba ne ba ipelaetsa ka gore ke kgale ba tshepisitswe sekolo. Motsumi are baagi ba supile fa ba feletswe ke tshepo mo pusong, gonne sekolo seo se tshwanetswe nkabe se agilwe ka 2019. 

“Jaanong, ke bone go le maleba gore ke itelekele ka kwano, mme re buisane gore go nne le botsitso. Jaanong, re tlile go tlhoma komiti e e tla dulang e itsise baagi gore dithulaganyo tsa kago ya sekolo di tsamaya jang. 

“Ke ba tlhaloseditse gore re setse re tshimolotse ka go bapatsa tendara ya kago ya sekolo, mme re setse fela ka go tlhoma komiti e tla tlhotlhang gore ke mang o maleba go ka thapiwa jaaka mogokaganyi (consultant),” Motsumi wa tlhalosa. 

Motsumi are morago ga moo, go tla thapiwa rakonteraka, mme seo se tla bontsha baagi gore tota ke nnete lefapha le mo maikaelelong a go ba agela sekolo. 

taungdailynews@gmail.com

      

Maiteko a go thibela badiri ba IEC kwa Shaleng a iteile sefololetsa 


Ka OBAKENG MAJE 

Baagi ba kwa motseng wa Shaleng, gaufi le Taung, ba tlhalositse fa setlamo se se tsamaisang ditlhopo sa IEC, se sa ba direla sentle ka go roba seloto sa bone kwa ntlole-halahaleng mo letsatsing la gompieno. Seno se tla morago ga gore baagi ba bolotse mogwanto ba ipelaetsa kgatlhanong le thebolo e bokoa ya ditirelo. 

Baagi ba Shaleng le Madipelesa, ba ne ba kwala lekwalo la selelo sa bone, mme ba le romela go ba ba maleba. Mo lekwalong le le bonweng ke lekwalo-dikgang la Taung DailyNews, ba tlhalositse fa ba se kitla ba tsaya karolo mo ditlhopong tsa bosetshaba. 

Modula-setilo wa mokgatlho wa basha o emetseng metsana e, Golekane Morwe are: “Maitlhomo le maikaelelo a rona re le baagi ba Shaleng le Madipelesa, ke go tswala dikago tsa rona tse di dirisiwang ke IEC, mme re sa bone tuelo ya teng. Ledi la ntlo-lehalahala la rona le amogelwa ke Kgosi Ponatshego Mothibi, mme ene ke moagi wa Modutung. 

“Re le baagi ba metsana e umakilweng e, ga re dumelele IEC kgotsa lefapha lepe go ka dirisa dikago tsa rona le lefatshe la rona ka lebaka la gore puso ga e re direle sepe. Ka jalo, go tloga ka letsatsi la Tshipi, ka di 26 Motsheganong 2024, re tswalela sengwe le sengwe.” 

Fela, Morwe are ba makaditswe ke go bona sepodisi se roba seloto sa kago ya bone le go letlelela badiri ba IEC go ka dira. Morwe are ga ba itumela le seng, gonne puso e, ga ya ba direla sepe. 

Gape ba latofatsa badiri ba IEC ka go ya go dira di vouto tse di kgethegileng ntle le baemedi ba makoko a farologaneng a se polotiki. 

Kgabagare, modula-setilo wa IEC mo Bokone Bophirima, Dr Tumelontle Thiba are: “Ke nnete re ile ra itemogela mathata kwa motseng wa Shaleng, fela sepodisi se ile sa re tlhaga thuso. Se ile sa roba dikgoro tse dineng di matamisitswe go utlwana ka mokgwa wa welding. 

“Mokgwa ene ele go thibela badiri ba IEC go se tsene ka ntlo-lehalahala eo. Fela go fitlha ga jaana, badiri ba rona ba tsweletse ka tiro ya bone ya letsatsi. Shaleng ke yone fela kwa re itemogetseng dikgwetlho teng go fitlha ga jaana. Ga ese re amogele pego epe mo porofenseng e shupang fa gona le dikgwetlho golo gongwe ntle le Shaleng,” Thiba wa tlhalosa. 

taungdailynews@gmail.com

Baagi ba Vaaltyn ba boloditse mogwanto kgatlhanong le thebolo e bokowa ya ditirelo 


Ka OBAKENG MAJE

Baagi ba kwa motseng wa Vaaltyn, gaufi le Taung, ba tlhotse ba boloditse mogwanto kgatlhanong le thebolo e bokowa ya ditirelo mo letsatsing la gompieno. Baagi ba, ba tlhalositse fa puso ya ga jaana e sa ba direle sepe. 

Mongwe wa baagi, Edwin Motshidi are ha e sale masepala o mogolwane wa Taung o ba tshepisitse dipone tsa mo mebileng (high mast lights), fela ga go nko e tswang lemina. Motshidi are ba tshotse matsapa go ka buisana le molekgotlha, fela ga sekegele selelo sa bone tsebe, ke ka moo ba boloditseng mogwanto. 

“Gape, re ile ra tshepisiwa tsela ya paving, mme ga ke tshepe fa sengwe se ka diragala. Re lela le ka Lefapha la Ditsela mo Bokone Bophirima. Re ile kwa dikantorong tsa bone, mme ga ra bona dikarabo. Re kwadile makwalo gore lefapha leo le tle go re itsise gore le re agela leng tsela ya R225, fela re sa ntse re beile letsogo mo phatlheng. 

“Tsela e ya rona ga e tsamaege, mme e tlhola dikotsi. Gape, ga rena kliniki, mme Lefapha la Boitekanelo mo Bokone Bophirima, le ne le ntse le tlisa mobile clinic, fela rena le dikgwedi di le tharo o sa tle. Seo, se feleletsa se pateletsa bagolo ba rona gore ba palame go ya kwa Reivilo go ya go tsaya dipilisi tsa bone,” Motshidi wa tlhalosa. 

Motshidi are gape ba lela ka seemo sa sekolo se se potlana sa Ikhutseng. Go ya ka Motshidi, sekolo seo ga se mo maemong a siameng, mme se ka wa nako engwe le engwe. 

“Rakontereka o ile atla, fela go fitlha ga jaana ga re itse gore madi a neng a tshwanetse a age sekolo seo a ile kae. E ne ya re fa re botsa, lefapha le ile la re bolelela ka palo e kwa tlase ya baithuti. Jaanong, seo se ile sa re makatsa thata gonne gona le dikolo dingwe tse di nang le baithuti ba ba kwa tlase ka palo, fela ga go buiwe ka tsone. 

“Ntlha-phisegelo enngwe ke tlhokego ya metsi. Re dirisa engine go pompa metsi, mme yone e dirisa diesel. Jaanong, engine e e rothisetsa diesel mo teng ga metsi, mme seo se a kgotlhele.

“Re kopa gore puso e golaganye motlakase, mme e tswe mo tirisong ya diesel. Fela setlamo se se rebolang metsi sa Magalies Water, ba tlhalositse fa ba dirisa engine, gonne go ke go nne le kgaogo ya motlakase. Re ne re ikuela go puso gore e dirise engine fela fa motlakase o kgaogile,” Motshidi wa tlhalosa. 

Majoro-khuduthamaga wa masepala wa sedika wa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Motseokae Maje are: “Ditlhokego tsa baagi tse di kwa setlhoweng ke tlhokego ya tsela, mme ra iponela le rona gore ke nnete tsela ga eo. Ke buile le tlhogo ya Lefapha la Ditsela mo Bokone Bophirima, mme o re netefaleditse fa a tlile go romela mokaedi wa gagwe wa sedika go tla go tlhalosetsa baagi gore go tlile go diriwa eng mo nakong e khutshwane go netefatsa fa tsela ya bone e tsamaega.

“Se sengwe ke tlhokego ya kliniki, mme re dumalane gore ka Labone go tla tlisiwa mobile clinic. Gape, baagi ba rona ba kaile fa ba sa tlhole ba batla go tlamelwa ka metsi a pompiwang ka diesel, mme re fetolele seo kwa motlakaseng. Mo ntlheng eo, re tla leka go kopa Eskom gore e re golaganyetse motlakase.” 

Maje are ntlha enngwe e baagi ba e tlhaigitseng ke tlhokego ya di pone tsa mo mmileng (high mast lights), fela o tla kopana le majoro wa masepala o mogolwane wa Taung, Tumisang Gaoraelwe go rarabolola bothata jo. 

Kgabagare, motlatsa-mokwaledi wa mokgatlho wa baagi wa SANCO mo sedikeng, Mothohela Dikhai are dilelo tsa baagi ke tse diutlwalang, mme ba itumeletse tsereganyo e e tlisitsweng ka Maje. 

taungdailynews@gmail.com

Baagi ba re ga ba voute ntle le kago ya tsela   


Ka OBAKENG MAJE 

Baagi kwa motseng wa Itireleng, gaufi le Taung, ba re ga ise ba fetoge mo tshwetsong ya bone ya gore ga ba ye go tsaya karolo mo ditlhopong tsa bosetshaba ka di 29 Motsheganong 2024. Seno se tla morago ga gore ba tlhalose fa porojeke ya tsela e e kopanyang motse wa bone le tsela-kgolo ya N18, e puwaganngwe. 

Mongwe wa baeteledipele wa baagi, Itumeleng Pholo are, ba nnile le kopano le baagi, mme ba mina ka nko ele nosi. Pholo are selelo sa baagi ke gore, ga gona sepe seo se diragalang mo porojekeng ya tsela. 

“Ga gona tlhaloso epe e re e neetsweng ke ba ba maleba, mme baagi ba tshotse tshwetso ya go se tseye karolo mo ditlhopo. Ka di 27 Mopitlwe 2024, gone gona le kopano ya komiti mo motseng. Re ne rena le baemedi go tswa kwa lefapheng, mme ba kaile fa lefapha le sena madi.

“Fela, ba tlhalositse fa lefapha le tla bo lena le madi ka di 2 Moranang 2024. Ba tlhalositse fa ba tlile go simolola ka porojeke, mme ba tlile go ya kwa Bloemhof le Christiana go ya go reka ditene tsa paving le dilwana tse di tla dirisiwang,” Pholo wa tlhalosa. 

Pholo are fela go fitlha ga jaana, ga go nko e tswang le mina. 

“Ke lekile go bua le mafapha a mantsi, mme ga gona tswelelopele. Jaanong, ke feleletsa ke le motho yo o maaka mo baaging. Seno se bontsha fa puso ya rona e palelwa. 

“Jaanong ka kopo le boikokobetso, re kopa tsereganyo pele ga beke e e fela. Baagi ba kgenne, mme ebile ba angwa fela ke tse ba diapering,” Pholo wa tlhalosa. 

Kgabagare, sebueledi sa lefapha la ditsela mo Bokone Bophirima, Lerato Gambu are: “Re tlhaloganya seemo sa baagi. Jaaka lefapha, re kopanetse porojeke e le masepala o mogolwane wa Taung. Se se emisitseng porojeke ke matsapa are a itemogelang mo thekong ya dilwana tse di dirisiwang go aga tsela.

“O tla tlhaloganya gore porojeke e, ke enngwe e e tlisiwang ke lefapha, ga mmogo le masepala go ka tokafatsa ditsela mo di masepaleng tsa rona. Jaanong ga go bonolo go bona gore e tlile go jela puso bokae. Bo nnete ke gore, gone go sena ledi le le beetsweng thoko go ka aga tsela e.” 

Gambu are lefapha la gagabo le tlile go tswelela ka go neelana ka dilwana tse di tla dirisiwang go aga tsela e, mme tsone di tla jela lefapha la gagabo madi a kanang ka R2 million. 

taungdailynews@gmail.com

Baagi ba Kolong ba batla gore meepo o bulwe


Ka OBAKENG MAJE 

Baagi ba kwa motseng wa Kolong, gaufi le Taung, ba tlhalositse fa ba latlhegetswe ke tshepo mo bogosing jwa Batlhaping Baga Phuduhutswana. Baagi ba tlhaloitse fa ba na le nako e telele ba ikuela go Kgosi Tshepo Mankuroane go ba neela katlenegiso ya go epa dimenerale jaaka ditemane kwa motseng wa bone. 

Fela, ba tlhalositse fa Mankuroane a ba beile letsogo mo phatlheng, mme go se nko e tswa lemina go fitlha ga jaana.   

Mongwe wa baeteledipele wa baagi, Leburu Dutch Moatshetsi are mathata a ba nang le one ke gore, bogosi jwa bone le magosana, ba palelwa ke go ba thusa. Moashetsi are ba lobaka ba tsenela dikopano le bogosi, fela ga gona thuso. 

“Mo letsatsing la maabane, rene rena le Kgosi ya rona, Kgosi Sylvester Phatlhanaye, fela one a bua puo ele nosi fela are, ga gona matekiri ape a tlileng go nnang teng fa a sentse ale mo botshelong. Rona re lelela bana ba rona, gonne ga ba dire. 

“Fela, Mankuroane le ne one a re tshepisitse gore o tla kopana le rona, mme ga gwa nna jalo. Jaaka re le komiti, baagi ba re bona jaaka batho ba ba maaka. Mankuroane le ene ga ayo, ga mmogo le magosana a gagwe,” Moashetsi wa tlhalosa. 

O mongwe wa baagi, Rapelang Tapiso are ba lapile ke go boa-boa kwa kgotlha, mme ba ipotsa gore go baneng Mankuroane a sia-sia. Tapiso are morafe o tlhoka dikarabo, mme se se makatsang ke gore, Mankuroane kgale a boa-boa kwa go bone. 

“Kgosi o ile are tshepisa gore se re se batlang re tlile go se bona. Kgosi o tshwere selo sa rona, mme o gana go re se naya. Potso ke gore o ganelang ka sone, gonne dilo tse ke tsa morafe. 

“Matekiri a, a tshwanetswe ke go berekiwa ke morafe, mme jaaka re bua jaana, batho ba tsena kwa matekiring ao, mme ba itseela ditemane tsa morafe. Fela, basha ba le bantsi ga ba dire, mme re ikuela go Mankuroane gore are neele se eleng sa rona,” Tapiso wa tlhalosa. 

Moeteledipele wa morafe, Modiri Phatlhanyane are: “Ga e sale re tsenela dikopane le Kgosi Tshepo Mankuroane, mme re kopa gore are neele lekwalo le le re atlenegisang gore rele morafe, re ka tsweletsa kepo ya matikiri. Fela, o re tshepisitse makgetlho a le mantsi, mme re ntse re boa-boa fa gonne o ile are tshepisa gore beke e e fetileng ga nkitla e fela re ise re bone dikarabo. 

“Jaanong, baagi ba re shupa ka monwana, ebile ba re latofatsa ka go sireletsa Kgosi gonne bontsi jwa nako, go tsamaya komiti ebe e tlisa pegelo kwa morafeng. Jaanong, baagi ba ile ba tsaya tshwetso ya go tla le rona go tla go itseela ka tsebe.” 

Phatlhanyane are dilo di pedi fela tse baagi ba di batlang. Are ke gore a Mankuroane wa ba thusa kgotsa nnyaa. 

Kgabagare, Mankurone are ba sentse ba le mo tseleng ya go dira kopo ya lekwalo le le tla ba letlelelang gore matikiri a nne teng karolong eo. Mankuroane are kgang ya gagwe e tlhamaletse fela jaaka tsela ya Kgalagadi, ebile ga nkitla a tsamaya a fetogile. 

“Morafe ka ngwaga wa 2012, o ile wa tsaya tshwetso ya gore bogosi bo dire kopo ya dikepo, mme re dirile fela jalo. Ga jaana re mo tseleng eo, mme seo se tlile gore thusa thata mo go rebeng botlhoka-tiro le lehuma mo kgaolong ya rona ya Taung. Re ka se phuthi matsogo re ntse re bona bana ba rona ba sa dire. 

“Tota ga go ope o tla ratang se. Re tshepa gore letsatsi lengwe, Modimo o tla re nesetsa pula, mme botlhoka-tiro, ga mmogo le lehuma di fele mo kgaolong ya rona ya Taung,” Mankuroane wa tlhalosa. 

taungdailynews@gmail.com

Modiri wa bookelo jwa Taung, Phemelo Goiwakae o latofatswa ka go teketa mongwe wa baeti kwa bookelong 


Ka OBAKENG MAJE

Mongwe wa baagi go tswa kwa motseng wa Manthe, gaufi le Taung, Oratile Coetzee, o lela a sa kgaotse, mme o latofatsa mongwe wa badiri ba bookelo jwa Taung, Phemelo Goiwakae ka go mo teketa. 

Seno se tla morago ga gore, Coetzee a tlhalose fa ba ne ba tabogiseditse mongwe wa ditsala tsa gagwe, Paul Lesetedi yo oneng a tlhabilwe ka thipa kwa bookelong go bona thuso ya potlako. 

“Re ile ra fitlha kwa bookelong jwa Taung, mme ra fitlhela badiri bangwe ba robetse. Re ile ra kokotha, mme go sena ope yo o re tlhagang thuso. Go ile ga tsoga kgaruru ma gareng ga rona le badiri bangwe, gonne ba ne ba sa batle go thusa Lesetedi yo oneng a phokga-phokga madi, mme ba mo beile fela mo setulong.

“Ke ne ka bona Goiwakae a robetse morago ga gore a bidiwe ke mongwe wa baoki. Fela, one a latlhelela letsogo, mme a boa a robala. Ke ne ka ntsha mogala wa letheka, mme ka ba tshosetsa ka gore ke isa kgang e kwa dikuranteng,” Coetzee wa tlhalosa. 

Coetzee are fela one a kgorogelwa ke Goiwakae, mme a mo latofatsa ka go mo tsaya ditshwantsho. Coetzee are, gone ga tsoga kgaruru magareng ga gagwe le Goiwakae.

“Goiwakae one a nkitaya ka seatla se se bulegileng, mme a tsaya mogala wa me wa lethaka a o roba. O ile a o latlhela fa fatshe morago ga moo. Ke ile ka leka go ya go bula kgetsi kwa sepodising, fela botsamaisi jwa bookelo bone jwa ntetsetsa go tla go buisana ka kgang e mo letsatsing le le latelang,” Coetzee wa tlhalosa.    

Mokhuduthamaga wa Boitekanelo mono Bokone Bophirima, Madoda Sambatha, one a kgala tiragalo e ka bogale. Sambatha are ga gona modiri ope yo o nang le tetla ya go teketa motho mongwe le mongwe o etelang setheo. 

“Santlha se ke batlang go se totobatsa ke gore, ga gona ope yo tshwanelwang ke go robala mo tirong. Se se tsenyeletsa le badiri ba ba dirang bosigo. Sa bobedi ke gore, ga gona modiri ope wa lefapha o nang le tetla ya go teketa batho ba ba tlang kwa ditheo tsa rona. 

“Modiri o, o thapilwe ke lefapha go ka neelana ka ditirelo go baagi, mme ene o bone go le botokwa gore a tlhasele baeti ba rona. Jaanong, seo se farologane thata le se a se thapetsweng kwa setheong sa rona,” Sambatha wa tlhalosa. 

Sambatha are, bookelo bo tshwanetswe ke go tsaya dikgato tse di gagametseng kgatlhanong le Goiwakae. Gape are, botsamaisi jwa bookelo bo tshwanetswe ke go netefatsa fa ntlha eno e rarabololwa ka bonako. 

“Botsamaisi jwa bookelo jwa Taung, bo tshwanetse gape ke go tsaya dikgato kgatlhanong le badiri botlhe ba ba robalang mo tirong,” Sambatha wa tlhalosa.

Kgabagare, go begwa fa Goiwakae a ile a neelwa lekwalo-kgalemo la bofelo (final written warning) ke botsamaisi jwa bookelo morago ga tiragalo e.  

taungdailynews@gmail.com