Mosadimogolo wa dingwaga di le 67, o goneng gwa begwa fa a timetse, o bonwe a tlhokafetse. Go begwa fa Marotse Kepi wa kwa Kuaneng, kwa motseng wa Manokwane, gaufi le Taung, a ne a timela ka di 8 Phatwe 2024.
Sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa are, setopo sa ga Kepi se bonwe kwa nageng magareng ga motse wa Picong le Ga-Mokake ka Labotlhano.
“Sepodisi ga se belaele fa moswi a ka tswa a bolailwe,”
Setshwantsho: Porojeke ya kago ya tsela e tsweletse
Ka OBAKENG MAJE
Baagi ba motse wa kwa Itireleng, gaufi le Taung, bare ba itumeletse go bona porojeke ya kago ya tsela ya dikilometara di le 10 e tshimolotse. Tsela e, ke e e golaganyang motse wa bone le tsela-kgolo ya N18.
Baagi ba ne ba ikuela go masepala o mogolwane wa Taung go ba agela tsela. Mo dikgweding tse di fetileng, baagi ba ne ba nna le kopano le masepala, Lefapha la Ditsela mo Bokone Bophirima, ga mmogo le Kantoro ya ga Tonakgolo (Office of the Premier) go ka tlhagolela tsela porojeke e.
Masepala o mogolwane wa Taung, Lefapha la Ditsela, ga mmogo le Kantoro ya ga Tonakgolo, ba ne ba tsena mo tumalanong ya go agela baagi tsela eo ka mokwa wa tiriso ya ditene (paving).
Jaanong, mongwe wa baeteledipele wa baagi, Itumeleng Pholo are, le fa ba itumeletse kago ya tsela, go nnile le go ngodiega. Are le ka mokgwa o go thapilweng badiri ba ba agang tsela eo ka gone, ga se o go dumalanweng ka one.
“Re ne re dumalane le puso gore go tla thapiwa badiri ba Expanded Public Works Programme (EPWP) ba le 80. Fela go thapilwe ba le 40, mme bone ba dira ka go refosana.
“Re ne re ikuela go Lefapha la Ditsela go oketsa palo ya badiri, mme go dire badiri ba le 40 ka gangwe. Masepala one o tlhalositse fa tiro ele ntsi, fela matsogo ele one a tlhaelang,” Pholo wa tlhalosa.
Kgabagare, molekgotlha o a ikarabelang ka tsa mafaratlhatlha kwa masepaleng, Itumeleng Maribe are: “Dilo tsotlhe tse di tlhokegang mo kagong e ya tsela, di fitlhile. Gape, jaaka re ne re dumalane kwa tshimologong gore go tla dirisiwa badiri ba EPWP, ga gwa fetoga sepe. Go ne go na le magatwe a gore kago e ya tsela e tla agiwa ke rakonteraka.
“Fela re tlhalositse gore tsela e, e tlile go agiwa ke badiri ba EPWP, mme ba tlile go unngwelwa ka go ithuta ditiro tse dingwe tse di farologaneng (skill transfer). Re tlile go netefatsa fa porojeke e ya tsela, e agiwa ka manontlhotlho.”
Maribe are ba tlile go ka ela tlhoko gore seo se a diragala, mme diengeniere tsa masepala le tsone di tlile go nna karolo ya kago ya tsela e.
Setshwantsho: Molatofadiwa mo polao ya ga Tshepiso Medichane
Ka OBAKENG MAJE
Sepodisi sa Taung se tlhalositse fa monna (22) o golaganngwang le polao ya lekgarebe la kwa motseng wa Lokgabeng, gaufi le Taung, a tshwerwe. Seno se tla morago ga gore setopo sa lekgarebe, Tshepiso Medichane (21) se seneng se tlhabakakilwe ka thipa, se bonwe se rapaletse mo bophadi-phading jwa madi ka masa a letsatsing ma Moshupulogo.
Go begwa fa Medichane a bolailwe ke mokapelo wa gagwe, mme sebakwa sa tiro e, se sa itsiwe. Go ya ka mongwe o boneng ka matlho, lekawana le, lene la tlhabakaka lekgarebe le, mme one a tshaba mo lefelong la tiragalo fa a bona batho.
Fela, go begwa fa ba lelapa la gagwe ba ne ba mo tshwara le go mo isa kwa seteisheneng sa sepodisi sa Taung mo letsatsing la maabane.
Sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen are: “Ke nnete molatofadiwa mo kgetsing e ya polao o tshwerwe. Molatofadiwa one a isiwa kwa seteisheneng sa sepodisi ke ba lelapa la gagwe.
“One a na le dikgobalo, mme o ile a amogelwa kwa bookelong jwa selegae. O tla tlhagelela kwa kgotlha-tshekelo fa a setse a itekanetse. Molatofadiwa o lebagane le kgetsi ya polao, mme thipa e e dirisitsweng go bolaya moswi ene ya fitlhelwa kwa lefelong la tiragalo.”
Setshwantsho: Ntlo e Maria Seane a shetseng mo go yone
Ka OBAKENG MAJE
Ba lelapa la ra Seane kwa motseng wa Matsheng, gaufi le Taung, ba tlhalositse fa loso la ga Maria Seane (65) le ba tlogetse ba gamaregile. Go begwa fa Maria a ile a sha lore-lore mo ntlung ya gagwe, morago ga go runya ga kgabo ya molelo mo bosigong jwa letsatsi la Lamatlhatso.
Mongwe wa lelapa, Bontle Seane are, ba ne ba le kwa maitishong, mme ba ile ba makadiwa ke go bona kgabo ya molelo kwa ntlung ya moswi. Bontle are ba ne ba tla ba taboga, le go bona gore sebakwa sa molelo ke eng.
“Baagi le bone ba ile ba tla go re thusa go tima molelo, fela metsi a ile a fela mo tankeng. Ba ile ba tshwanelwa ke go tsena motse ka legare le go batlana le metsi. Nna ke ile ka tswa ka ya go batlana le moswi, gonne re ne re sa tshepe gore a ka tswa a ne a le mo teng ga ntlo fa e sha. Ka go tlhoka lesego, ga ra ka ra mo bona, mme badiri ba ba timang molelo, ba ile ba goroga le bone.
“Ba ile ba leka go tima molelo, fela le bone ba ile ba kopana le mathata gonne metsi a bone a ile a fela. Le bone ba ile ba tsena motse ka legare go batlana le metsi. Mme ene ya re mo go boneng metsi, ba ne ba boa ka bonako jo bo tseisang sedidi le go tswelela ka go tima ntlo. Le fa metsi ao a ile a fela gape, ba ne ba setse ba timile fa moswi a neng a le teng, mme ba ile ba re bolelela fa a le teng mo ntlung,” Bontle wa tlhalosa.
Bontle are se se ba utlwisitseng botlhoko ke mokgwa o ba latlhegetsweng ke rakgadi wa bone ka teng.
Monnawe moswi, Lenah Motsage are one a amogela mogala go tswa kwa ngwaneng wa moswi kwa Gauteng. Motsage are ene one a mo kopa gore a lebe kwa Mokgareng, gonne ntlo ya ga mmagwe e sha.
“Ene ya re fa ke tsena kwa Matsheng, kene ka kgatlhantshiwa ke kgabo ya molelo. Ke ile ka fitlhela kgabo ya molelo e potologile ntlo, ebile e tswile ka matlhaba-phefo. Tota ka mokgwa o molelo oneng o tukang ka teng, go ne go sena gore motho a ka tsena. Ntlo ile ya sha lore-lore, mme re ile ra bona setopo sa ga ausi wame se shele. Ka mokgwa o seneng se shele ka teng, one o bona fela ka tlhogo gore ke motho. Ke utlwile botlhoko jwa ntho gonne ke ene fela o ntseng ke setse le ene mo lapeng,” Motsage wa tlhalosa.
Kgabagare, sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen are: “Sepodisi sa Taung se tsweletse ka dipatlisiso morago ga gore mosadi a shele mo ntlung. Go fitlha ga jaana, ga re itse gore go diragetseng, gonne dipaki tsotlhe di ne di robetse. Go butswe kgetsi ya morago ga loso.”
Setshwantsho: Baagi bae me fa thoka sa sediba sa maitirelo
Ka OBAKENG MAJE
Baagi ba kwa motseng wa Sekhing, gaufi le Taung, ba ikuela go masepala wa sedika wa Dr Ruth Segomotsi Mompati go ka ba neela metsi. Baagi ba kaile fa ba na le dingwaga di feta robedi ba sa bone metsi.
Mongwe wa baeteledipele wa baagi, Revelation Dioka are malobanyana fa, ba ile ba etelwa ke motlatsa-mopresidente, Paul Mashatile, mme metsi ane a pumpunyega mo dipompong tsa bone. Fela Dioka are, ba ile ba makala thata fa ba bona metsi a sa tlhole a tswa mo letsatsing le le latelang.
“Baagi ba patelesega go nwa metsi go tswa kwa Sedibeng le tanka tse di mo motseng. Maswabi ke gore tanka eo ga mmogo le sediba seo, ga di tswalwe, mme baagi bangwe ba latlhela mengato ya bana, ditlhogo tsa dintswa le dikatse mo teng. Diphologolo tsone ga ke bue gonne di bolawa ke lenyora,” Dioka wa tlhalosa.
O mongwe wa baeteledipele wa baagi, Boitumelo Might are ba na le ngwaga fa e sale molekgotlha yo a ikarabelang ka tsa mafaratlhatlha kwa masepaleng wa sedika wa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Pico Seepamere a ba tshepisitse gore masepala o tlile go ba epela madutelo (boreholes) mo motseng wa bone. Might are fela ba sentse ba beile letsogo mo phatlheng.
“Masepala o thapile moneela-ditirelo gore are neele metsi ka ditanka, fela matsapa ke gore, moneela-ditirelo o, o boa gape a re a rekisetsa. Re bua re penne sehuba gonne re dirile dipatlisiso,” Might wa tlhalosa.
Kgabagare, Seepamere are: “Re samagane le ntlha eo ya tlhokego ya metsi. Re na le dithulaganyo tse re di tsenyang tirisong, mme maitlhomo ele go rarabolola bothata jwa metsi. Tota gone ke nnete ke dikgwedi baagi ba tlhoka metsi, mme mathata ke go tswalega ga peipi e isang metsi kwa go bone.
“Jaanong, motlamedi wa rona wa metsi eleng Magalies Water, o tlile go re thusa go ka rarabolola bothata jo. Re na le tshepo ya gore baagi ba tla bona metsi mo matsatsing ale mararo a tlang mo kgaolong ya Tlapeng le Mocweding.”
Seepamere are ke nnete metsi mo madutelong a teng kwa Sekhing, fela a kgotlhegile. Are ke ka moo ba neelang baagi metsi ka mokgwa wa ditanka.
Setshwantsho: Badiri ba tsweletse ka go aga ntlo ya tshoganyetso
Ka OBAKENG MAJE
Baagi ba kwa Cokonyane, gaufi le Taung, ba latofatsa molekgotlha wa bone, Daisy Ipeleng ka go thapa la losika. Baagi ba, ba re Ipeleng o thapile batho ntle le go bitsa kopano.
Seno se tla morago ga gore go nne le porogerama ya go aga matlo a tshoganyetso a le 16 kwa motseng o. Mongwe wa baagi, Obakeng Motlhale are, go thapilwe batho ka mokgwa o o sa siamang mo porogerameng e. Motlhale gape are, bontsi jwa batho ba ba agelwang matlo ga se ba ba a tlhokang.
“Re tlwaetse fa go thapiwa batho, go iwa kwa kgotlheng mme go dirisiwe mokgwa wa huduwa. Gape, re tlwaetse go thapiwa batho ba le babedi mo karolong nngwe le nngwe ya motse. Jaanong, gona le matlo a a nang le dingwaga di feta 20 a a seng mo seemong se se siameng, mme beng ba one ba tlodilwe.
“Beng ba matlo ao, ba lobaka ba ikwadiseditse matlo a di RDP. Fela ga go nko e tswa lemina, mme re makadiwa ke gore gona le batho ba ba ikwadiseditseng matlo ao malobanyana fa, mme ba agetswe,” Motlhale wa tlhalosa.
Kemedi ya baagi, Itumeleng Matlhoahela are ba utlwile selelo sa baagi, mme ke nnete ga gwa thapiwa ka mokgwa wa tlwaelo. Matlhoahela are gape baagi bangwe bana le boipelaetso jwa gore gona le matlo mangwe a sa tsenngwang mo porogerama e, e tswa beng ba one ba a tlhoka.
“Baagi ba kopa gore re agele batho botlhe ba ba tlhokang matlo, mme ke nnete gona le baagi ba ba tlhokang matlo a. Ka maswabi ga ba tsenngwa mo porogerama e. Gape, gona le selelo sa gore go thapiwa ka losika mo porogerama e, mme ke dingwe tsa dintlha tse re di rometseng kwa go molekgotlha gore a di rarabolole,” Matlhoahela wa tlhalosa.
Kgabagare, Ipeleng are: “Bonnete ke gore fa go thapelwa porogerama ya matlo a tshoganyetso, ga go bidiwe kopano. Mong wa konteraka one a itletse ka batho ba gagwe, mme ka botho jwame, keile ka mo kopa gore a thape batho mo gae.
“Jaanong, re ile ra thapa bangwe ba batho ba baneng ba emisitswe mo porogerameng e e neng e puagantswe ya kgaolo ya ditlhare. Ke ile ka isa maina a batho botlhe ba ba neng ka ikwadiseditse go agelwa matlo a tshoganyetso. Fela tshwetso ga ese ya rona, gore shupa gore ke mang a tshwanetswe ke go agelwa.”
Setshwantsho: Greater Taung PEOPLE Living With HIV and AIDS Organisation ba neelana ka diaparo tsa sekolo
Ka OBAKENG MAJE
Sekolo se segolwane sa Redirile kwa motseng wa Mokassa, gaufi le Taung, se tlhalositse fa se itumeletse go amogela diaparo tsa sekolo tse ba di neetsweng ke mokgatlho o eseng wa puso wa Greater Taung People Living With HIV and AIDS. Mokgatlho o, one o neela baithuti bangwe ba ba dikobo di magetleng diaparo tsa sekolo.
Motsamaisi wa diporojeke (Project Manager) go tswa kwa mokgatlhong wa Greater Taung People Living With HIV and AIDS, Dimakatso Molusi are, ba abetswe diaparo tseo ke lebenkeleng la Ackermans go tswa kwa Bloemhof. Molusi are ba neetse sekolo marukgwe, dihempe tse ditshweu tsa sekolo, ga mmogo le dikausu.
“Fa re amogetse kabo go tswa go ditheo tse di farologaneng, re buisana le dikolo dingwe le go sheba baithuti ba ba tlhokang diaparo tseo, mme re ba neele tsone. Re dira seo go ralala Taung, mme re rotloetsa baagi ka bontsi go ka tsaya karolo.
“O tla gopola gore ngwana sejo wa tlhakanelwa, ebile ntime o mphele ngwana. Jaanong, fa re neela baithuti ba ba rona tlhokomelo, re tla bona moputso o siameng. Ke baeteledipele ba kamoso, jaanong ke ne ke tla itumela thata go bona ditheo tse di farologaneng le tsone di tsaya karolo mo tiragalong e,” Molusi wa tlhalosa.
Molusi are go le gantsi, baithuti bao ba feleletsa ba ikobonya, mme seo se kgoreletse dithuto tsa bone. Molusi are baithuti bao, ba tshwanela ke go dira ka natla go ka fetola seemo sa kwa malapeng a bone.
“Moswi Dr Nelson Mandela o ile a tlhalosa gore thuto ke lesedi, mme ngwana mongwe le mongwe o tlhoka tlhokomelo e tseneletseng, gonne seo ke tshwanelo ya gagwe. Jaanong, go tsaya motse otlhe go ka godisa ngwana.
“Go tshwanetse gore baithuti fa ba le mo phaphosi-borutelo, ba ipone ba lekalekana. Re tlile go tswelela fela jalo le go netefatsa gore ga gona ngwana ope o salelang kwa morago,” Molusi wa tlhalosa.
Kgabagare, sebueledi sa Lefapha la Thuto mo Bokone Bophirima, Elias Malindi are: “Re itumeletse thata go bona setheo sa Greater Taung People Living with HIV and AIDS, se neela kabelano e. Re le lefapha re motlotlo, ebile re ipela ka bone.
“Ka gale re dula re rotloetsa tirisano-mmogo ma gareng ga ditheo tse di farologaneng le lefapha, gonne seo se godisa botsalano jwa rona.”
Setshwantsho: Molatofadiwa wa polao, Kabelo Mogongwa o busediwa kwa ntlolefitshwana
Ka OBAKENG MAJE
Tsheko mo kgetsing ya polao kgatlhanong le molatofadiwa wa kwa motseng wa Khibicwane, gaufi le Taung, ya simolola mo letsatsing la gompieno. Go begwa fa Kabelo Mogongwa (47), a ile a tshwarwa morago ga dipego tsa gore o thuntsitse lekgarebe la gagwe, Tsholofelo Nde Emphukile (38).
Go begwa fa lekawana le le lekgarebe la gagwe, ba ne ba dula botlhe kwa phaphosing e e hirilweng kwa motseng wa Khibitswane, gaufi le Taung. Go ya ka sebueledi sa sepodisi mo Bokone Bophirima, Mokaptein Aaftje Botma, yo a rotseng tiro ga jaana, moagisani wa monna o, o ile a tlhalosetsa sepodisi fa baratani ba, ba gorogile ka ura ya bongwe mo mosong, mme go ile ga tsoga kgakgauthano magareng ga bone.
“O kaile fa a utlwile modumo wa sethunya. Sepodisi se ile sa biletswa kwa lefelong la tiragalo, mme se ile sa fitlhela moswi a le mogare ga bophadiphadi jwa madi.
“Sepodisi se ile sa patelesega go shaga burglars, gore ba kgone go tsena mo ntlung. Molatofadiwa o ile a tshwarwa, mme one a ganelwa ka beile,” Botma wa tlhalosa.
Picture: The police officials during parade/Google
By KEDIBONE MOLAETSI
The South African Police Service (SAPS) has dispelled misinformation circulating on social media regarding an old advertisement to recruit 10 000 entry level police trainees. This comes after the SAPS received numerous enquiries regarding this.
The SAPS spokesperson, Lieutenant Colonel Amanda van Wyk said this particular application process had already closed on 31 August 2023. Van Wyk further said the first batch of 4 500 trainees for the 2024/2025 intake have already embarked with training at various SAPS academies across the country.
“The second batch of 5 500 recruits will commence with training in January 2025 and this process is yet to be finalised. Community members are encouraged to visit the SAPS’ website and other official social media platforms to stay informed of advertised posts,” she added.
Setshwantsho: Sekolo se se potlana sa Baisitse kwa Manokwane
Ka OBAKENG MAJE
Baagi ba kwa motseng wa Manokwane, gaufi le Taung, ba tlhalositse fa go thubilwe kwa dikolo ele tlhoba-boroko. Seno se tla morago ga magatwe a gore, go thubilwe kwa sekolong se se potlana sa Baisitse, mme ga utswiwa di laptop ga mmogo le di tablets di le 32.
Go ya ka mongwe wa baagi yo sa batlang leina la gagwe le itsiwe are: “Go tlhola go thubilwe fela kwa sekolong, mme ga gona ope o tshwarwang. Fela, go tletse-tlese mo motseng gore ke mang o tswang go thuba kwa sekolong le go utswa di laptop le di tablets tseo.
“Gape re makadiwa ke gore go baneng mogokgo wa sekolo, Lesetjha Kgwahla, a ne a sa itsise lekgotlha-taolo la sekolo gore Lefapha la Thuto mo Bokone Bophirima le tlisitse di laptop ga mmogo le di tablets tseo? Go lo fa ekare gona le sengwe se se sa tsamaeng sentle, ebile le motho o latofadiwang ka go thuba kwa sekolong, o tlhalositse fa ene a emetse fela gore a tshwarwa, mme o tla ntsha mosi ka sekhurumelo.”
Modulasetilo wa lekgotlha-taolo wa sekolo, Kgakololo Koji o kaile fa a utlwile gore go ile ga thubiwa kwa sekolong, mme ga utswiwa di laptop ga mmogo le di tablets. Fela ka maswabi, Koji ene o tlhalositse fa le ka matlho a sa di bona fa di ne di goroga.
“Ke ne ka letsetswa ke mogokgo, mme a ntlhalosetsa gore go thubilwe kwa sekolong, ebile go utswitswe di laptop ga mmogo le di tablets. Fela se ke tla go se netefaletsang ke gore, di laptop tseo ga mmogo le di tablets, di gorogile ka Labone go ya ka puo ya mogokgo, mme fela nna ga ke a di bona fa di ne di goroga.
“Ga ke a itsisiwe fa di ne di goroga, mme ke makaditswe fela ke go utlwa mogokgo a mpolelela gore di utswitswe. Se ke tla go se totobaletsang ke gore, re kopile mogokgo gore a ye go bula kgetsi kwa sepodiseng,” Koji wa tlhalosa.
Koji are go tlile go nna thata mo go ene gore a arabele go ya kwa pele, gonne ga tlhaloganye lepele le morago la kgang e. Are la bofelo fa ba ne ba bua le Kgwahla, o ba tlhaloseditse fa motho o a latofadiwang ka go utswa di laptop ga mmogo le di tablets, a tlhagelela mo setshwantshong sa motsikinyego (cameras), fela a sa bonagale sentle gore ke mang.
“Jaanong, mogokgo o tlhalositse fa a emetse batho ba ba tlhatswang setsaya-ditshwantsho (cameras) gore ba tle go senola gore motho o ke mang,” Koji wa tlhalosa.
Sebueledi sa Lefapha la Thuto mo Bokone Bophirima, Mphata Molokwane are: “Ke nnete di laptop ga mmogo le di tablets di le 32, di ile tsa utswiwa kwa sekolong sa Baisitse, ebile kgetsi e butswe kwa sepodiseng. Sekolo se lemogile letsatsi morago ga tiragalo gore go nnile le go thubiwa.
“Go fitlha ga jaana, ga gona ope o tshwerweng mo tiragalong e. Re netefatsa fa go sena setsaya-ditshwantsho kwa sekolong (cameras) go ka thusa mo go tshwareng molatofadiwa wa tiragalo e. Ga gona batlhokomedi kwa dikolong go ralala porofense, mme re ikuela go baagi go se reke dilo tse di utswitsweng,” Molokwane wa tlhalosa.
Kgabagare, sebueledi sa sepodisi mo Bokone Bophirima, Brigadier Sabata Mokgwabone are go ile ga bulwa dikgetsi di le pedi tsa go thubiwa kwa sekolong ka Ngwanatsele 2023, ga mmogo le ka Tlhakole 2024, fela mo dikgetsing tseo di le pedi, go ile ga utswiwa dijo tsa boleng jwa R2000.
“Go fitlha ga jaana, ga rena ditlankana tse di shupang fa go butswe kgetsi ya go thubiwa kwa sekolong, mme mo go yone go ile ga utswiwa di laptop ga mmogo le di tablets. Ga gona ope o tshwerweng mo dikgetsing tse pedi tse di butsweng,” Mokgwabone wa tlhalosa.