Seipone o kailwe jaaka motho o neng a na le lerato ebile a le boikobo


Ka OBAKENG MAJE

29 Lwetse 2024- Monna oneng a begwa a nyeletse, Collen Modiriemang Seipone (35), wa kwa motseng wa Kolong, gaufi le Taung, o fitlhilwe kwa dirapeng tsa baswi teng kwa Kolong ka Lamatlhatso. Bontsi jwa ditsala tsa gagwe ga mmogo le ba dira-mmogo, ba mo tlhalositse fa ene ele motho oneng a na le boikobo, ebile a le lerato.

Moruti Sylvester Aiseng are batho ga batla go dulela ruri mo lefatsheng, fela botshelo jwa motho bo itsiwe ke Modimo. Aiseng are batho ba ka dira tsotlhe tsa lefatshe, ba je monate, fela molaodi wa botshelo ke Modimo.

“Jaanong are se tsamaye ka kakabalo, mme re tlhaloganye gore botshelo re bo neilwe ke Modimo, ebile ke ene o tla bo khutlisang. Akere fa ngwana a tla mo lefatsheng o tla a kuparetse? Ke rata batho ba tlhaloganye lefoko la Modimo.

“Batho ba lefatshe ba ratile monate go feta lefoko la Modimo. Setlogolo sa ka se ile sa kopana le matsogo a sa siama. Matsogo ao, a ile a mo nyeletsa ebile re ile ra dula re maketse. Fela, re ile ra kopa gore Morena gore are arabe,” Aiseng wa tlhalosa.

Mongwe wa dibue ka letsatsi la tirelo matshidiso, Kgalolo Koji are Seipone one a sa tshwane le batho ba bangwe. Koji are one a itse Seipone, ga mmogo le metsamao ya gagwe.

“Lefatshe le kgona go go tlhoa, ba sa itse gore ba go tlhoela eng. Ke bua ka motho o eneng ele podile mo bathung ba bagwe, mme fa o botsa lebaka, ga gona karabo.

“Ke bua ka motho o montsho ka mmala, mme a le mosesane batho ba ipotsa gore go baneng a sa none. Batho ba kwala, mme ke bone le ngwana mongwe o neng a paletswe ke mophato wa marematlou, a beile setshwantsho sa ga Collen, mme ke ipotsa gore go baneng ane sa beye le setshwantsho sa gagwe sa marematlou,” Koji wa tlhalosa.

Are batho ba rata dilo tsa batho. Koji are ba lelapa la rra Seipone ba se ikobonye gore ba be ba na le ngwana o neng a bidiwang Collen.

“Ke itumelela selo se le sengwe fela, gonne Collen one a sena sepe le motho o sa itsholelang jaaka nna jaana. Fela one a tlhoilwe ke batho ba ba senang sepe jaaka nna jaana.

“Botlhe ba ba tsholotseng madi a gagwe, le bone ka letsatsi lengwe, madi a bone a tla latswa ke ditsha. Collen ene ele lekau, mme ene ere ka nako tse dingwe ha ke kopana le ene ko Ditshilong, ke be ke mmotsa gore o tswa kae, a be are: “kena le tsoga re omane ha go dume hao,” Koji wa tlhalosa.

Tikane Motsage are: “Collen ene ele mmotlana, mme re godile mmogo. Ke gopola ha kene ke kgaogana le ene, gone gole di 21, mme ke ene oneng a ntseisa dibeke. Ene ere fa a le ko Potchefstroom, one a kgona go nketela.

“Ka letsatsi le aneng a nyelela ka lone, one aga metsi mme ka Laboraro, ke fa ke utlwa gotwe o nyeletse. Go ne go se monate. Ke latlhegetswe ke nnake.”

Kgabagare, go ne ga utlwala go gelebetega ga modumo wa dithunya kwa mabitleng morago ga phitlho.

taungdailynews@gmail.com

Monna o bolailwe ka go tlhabiwa ka thipa kwa Nommer 1


Setshwantsho: Moswi, Letlhogonolo Bogosi 

Ka OBAKENG MAJE

Monna wa dingwaga di le 22 wa kwa motseng wa Nommer 1, gaufi le Taung, o tshwerwe go latela polao ya ga Letlhogonolo Bogosi wa dingwaga di le 33. Go begwa fa go ile ga runya ntwa kwa mmileng kwa Nommer 1 mo letsatsing la Lamatlhatso, mme Bogosi o ile a leka go thiba ntwa eo.

Fela go begwa fa mmelaelwa a ile a tlhaba Bogosi ka thipa mo sehubeng, mme a mmolaya ka gangwe.

Sebueledi sa sepodisi mo Bokone Bophirima, Colonel Adele Myburgh are, sepodisi se ile sa bilediwa kwa lefelong la tiragalo. Myburgh are fela ba ile ba fitlhela setopo sa ga Bogosi.

“Kgetsi ya polao e ile ya bulwa kgatlhanong le mmelaelwa, mme ene o ile a tshwarwa. One a latofadiwa ka polao.

“Mmelaelwa o solofetswe go ka shadikanya matlho kwa kgotlha-tshekelo ya Taung mo letsatsing la Mosupulogo, fa dipatlisiso mo kgetsing di tswelela,” Myburgh wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com

Lelapa la ga Moabi le kopa thuso morago ga go shelwa ke ntlo 


Ka OBAKENG MAJE 

23 Lwetse 2024- Ba lelapa la ga Moabi kwa motseng wa Myra, gaufi le Taung, ba ikuela go mongwe le mongwe o ka thusang go ka tsenya letsogo. Se, se tla morago ga gore ntlo ya bone ya diphaphosi di le tharo, e jewe ke molelo. 

Go ya ka Seitebaleng Moabi, ba ne ba robetse, mme ba ile ba tsosiwa ke kgabo ya molelo mo gare ga bosigo ka di 8 Lwetse 2024. Moabi are, o ile a tshoga thata go bona ntlo ya bone e lakailwa ke molelo.

“Ke ile ka tsosa bana, mme ra bula letlhaba-phefo la phaphosing e ke neng ke robetse mo go yone. Re ile ra tswa ka letlhaba-phefo leo, gonne go ne go sena kwa re ka tswa teng ka ntlheng ya gore molelo one o setse o lakaila dikgoro. 

“Ka nako eo, molelo one o setse o taboga ka lebelo le le kwa godimo, mme re ile ra siela kwa ntlung ya ga ausi waka ga mmogo le bana. Re ile ra fitlha ra tsosa bana ba ga ausi waka le go ba lotlegela ka mathata are kopaneng le one,” Moabi wa tlhalosa. 

Are, ba ile ba leba kwa ntlung, le go tsosa batho ba bangwe mo motseng go tla go ba thusa go tima molelo. Fela Moabi are, ka maswabi, ga ba ka ba kgona go o tima, gonne one o setse o ile magoletsa. 

“Re shetswe ke makwalo itshupo, bana bone ba shetswe ke dibuka tsa sekolo ga mmogo le diaparo tsa sekolo (uniform). Fela se se botlhokwa thata se ke tla kopang go thusiwa ka sone go fitisa, ke diaparo tsa sekolo (uniform) tsa bana. 

“Ngwanake o dira Grade 11, mme ene o tsena kwa Maatla Secondary School kwa Pudimoe, fa o mongwe a dira Grade 8 kwa Thakung Secondary School, teng mo Myra,” Moabi wa tlhalosa. 

Kgabagare, modulasetilo wa bosetshaba wa lekoko la sepolotiki la F4SD, Mika Moeti are: “Ke gorogile kwa lelapeng leo, mme seemo sa teng ga se itumedise. Diaparo ga mmogo le dibuka tsa bana ba sekolo dishele lore-lore. 

“Ke nagana gore lelapa le, le tlhoka thuso. Jaanong, re ile ra buisana gape le ba Lefapha la Katlatlelo-Loago, mme ba tshepisitse gore ba tla romela kemedi ya bone go tla go thoba maloko a lelapa le maikutlo.”

Moeti are gape o buile le molekgotlha wa bone, fela o ba tlhaloseditse fa masepala o mogolwane wa Taung o se o tsiboge. Are ba ikuela go mongwe le mongwe o ka thusang lelapa le, go ka tsenya letsogo.  

taungdailynews@gmail.com

Dikago tsa sekolo-potlana kwa Graspan di awa


Setshwantsho: Sekolo sa Keememang kwa Granspan 

Ka OBAKENG MAJE

22 Lwetse 2024- Barutabana kwa sekolong se se potlana sa Keememang kwa motseng wa Graspan, gaufi le Taung, ba ikuela go Lefapha la Thuto mono Bokone Bophirima go ka ba tsaya tsia. Se, se tla morago ga gore barutabana ba, ba tlhalose fa sekolo sa bone se le makgasa, ebile dithulelo di ba wela.

Go ya ka mongwe wa barutabana o sa batleng go itsiwe ka ntlheng ya go tshaba go sotlakakiwa, are sekolo se mo seemong se se sa jeseng diwelang, gonne dikago tsa teng le tsone di awa.

“Mathata a rona mo sekolong ke tshireletsego ya baithuti. Dikago tse re leng mo go tsone tse, ga di a babalesega. Re kwadile makwalo a le mantsi go ya kwa Lefapheng la Thuto mo Bokone Bophirima, fela kopo ya rona ga e tsewe tsia.

“Re na le baithuti ba feta 54, fela palo ya barutabana ke e nnye. Ka di nako tse dingwe, o fitlhele morutabana a le mongwe a ruta diphaphosi di le dintsi a le mongwe. Go bua nnete, lefapha le re itlhokomolodisitse,” morutabana wa tlhalosa.

Morutabana o are, ga ba bone tshegetso go tswa kwa lefapheng, mme botlhe ba ba maleba go ba thusa, ba tlhalositse fa mathata a sekolo a thiba letsatsi. Morutabana o mongwe are, morutabana wa bo setlaboshane, o ruta Grade R go fitlha go Grade 3 a le mongwe.

“O mongwe o ruta Grade 4 go fitlha go Grade 5, mme o ruta dirutwa tsotlhe. Morutabana o mongwe o ruta Grade 6, mme le ene o ruta dirutwa tsotlhe a le mongwe.

“Re ile ra tlisediwa morutabana o mongwe o montsha, mme e ne o ruta dirutwa di le robongwe a le mongwe,” morutabana o wa tlhalosa.

Barutabana ba, ba tlhalosa fa ka Mopitlwe 2024, lefapha le ba itsisitse fa le tlile go tswala sekolo, mme baithuti batla sitlhamololelwa kwa sekolo-potlana sa Tshite kwa motseng wa Picong. Fela, ba tlhalosa fa ba setse ba beile letsogo mo phatlheng.  

Kgabagare, sebueledi sa Lefapha la Thuto mo Bokone Bophirima, Mphata Molokwane are: “Sekolo seo sa Keememang, se na le baithuti ba le 69. Jaanong se tlile go tswalwa, mme lefapha le setse le tsentse kopo kwa Lefapheng la Tshireletsego ya Baagi le Tsamaiso ya Dipalangwa, gore le neele baithuti ba sepalangwa.

“Lefapha le ne le solofetse go tswala sekolo se ka Sedimonthole 2023, fela tiego go tswa go Lefapha la Dipalangwa, e tlhodile ketsaetsego. Gore sekolo-potlana se neelwe tlamelo ya ditiro tse di maleba, se tshwanetswe gore se be se na le baithuti ba le 235. Jaanong e tla bo e le tshenyo go ka tlhabolola sekolo seo.”

taungdailynews@gmail.com

Sepodisi se butse kgetsi ya polao morago ga go bonwa ga setopo sag a Collen Modiriemang Seipone


Setshwantsho: Monna o a neng a timetse, Collen Modiriemang Seipone

Ka OBAKENG MAJE

20 Lwetse 2024- Sepodisi sa Taung se butse kgetsi ya polao. Se se tla morago ga gore setopo sa monna oneng a begwa a timetse, se bonwe gaufi le tsela kwa nageng ma gareng ga motse wa Graspan le wa Magogong mono Taung ka letsatsi la Laboraro bosigo.

Collen Modiriemang Seipone (35), wa kwa motseng wa Kolong, gaufi le Taung, o ile a nyelela ka kgwedi ya Seetebosigo 2024. Jaanong, setopo sa gagwe se seneng se na le dintho mo tlhogong, se ile sa bonwa ke bafeti ka tsela mo letsatsing la Laboraro.  

Go ya ka sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen, setopo sa ga Seipone sene se na le dintho mo tlhogong, fela ga go itsiwe sediriswa se se dirisitsweng.

“Re tla netefatsa gore ke nnete gore setopo sa ga Seipone se se neng se na le dintho mo tlhogong, se bonwe. Fela go fitlha ga jaana, ga nkitla re tlhalosa gore se diriswa se se dirisitsweng mo tlhogong ya gagwe ke eng, ga mmogo le tlholo ya loso la gagwe.

“Fela, sepodisi se butse kgetsi ya polao, mme ga gona ope o tshwerweng go fitlha ga jaana. Diteko tsa morago ga loso, ke tsone tse di tla tlhotlhomisang gore moswi a ka tswa a bolailwe ka eng,” van Rooyen wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com

Molatofadiwa wa bogodu jwa leruo o tlhagelela kwa kgotlha-tshekelo


Ka OBAKENG MAJE

16 Lwetse 2024- Monna wa kwa motseng wa Mokgareng, gaufi le Taung, Thatayone Monnahela, yo o ileng a tshwarwa mabapi le kgetsi ya bogodu jwa leruo, o solofetswe go tlhagelela kwa kgotlha-tshekelo ya Taung mo letsatsing la gompieno.

Monnahela, one a ntshediwa lekwalo-tshwaro morago ga gore a bidiwe kwa kgotlha-tshekelo, mme a seo. Fela, lekwalo-tshwaro leo le ile la shutlhiwa morago ga gore a fitlhe thari. Go begwa fa Monnahela ga mmogo le molatofadiwa nae o a sentseng a tsene ka lenga la seloko, ba ile ba utswa leruo. Fela sepodisi se ile sa kgona go tshwara Monnahela, mme se sentse se le mo motlhaleng wa mmelaelwa o mongwe.

taungdailynews@gmail.com

Lekgarebe la kwa Maphoitsile le tlhagelela kwa Kgotlhatshekelo mabapi le ditatofatso tsa go bolaya mokapelo wa lone


Setshwantsho: Sepodisi se dira dipatlisiso tsa polao kwa tarveneng kwa motsesetoropong wa Orkney/Setshwantsho-papiso

Ka OBAKENG MAJE

Lekgarebe la dingwaga di le 40, lwa kwa motseng wa Maphoitsile, gaufi le Taung, le solofetswe go tlhagelela fa pele ga Kgotlhatshekelo ya Taung mo letsatsing la gompieno. Se se tla morago ga gore lekgarebe le, le latofadiwe ka go bolaya mokapelo walone.  

Go ya ka sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen, tiragalo e, e diragetse kwa di RDP Section, kwa Maphoitsile ka di 29 Phatwe 2024.

“Go begwa fa baratani ba, ba ne ba tswa kwa ntlung e rekisang bojalwa go ya go ijesa monate. Fela ene ya re fa ba fitlha kwa ntlung, go ne ga tsoga kgakgauthano ya mafoko.

“Go begwa fa molatofadiwa a ile a tlhaba moswi ka thipa mo sehubeng. Molatofadiwa o ile a amogelwa kwa bookelong jwa sedika jwa Taung, mme one a ntshiwa ka Mosupulogo le go isiwa kwa ntlo-lefitshwana,” van Rooyen wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com

Monna o latofadiwang ka go bolaya mokapelo wa gagwe o tla nama a letile kwa ntlolefitshwaneng


Ka OBAKENG MAJE

Kgetsi ya polao kgatlhanong le lekawana le le latofadiwang ka go tlhaba le go bolaya lekgarebe la gagwe kwa motseng wa Lokgabeng, gaufi le Taung, e buseditswe morago go fitlha ka di 9 Lwetse 2024. Molatofadiwa, Simon Molale (22), o tla nama a letile kwa ntlo-lefitshwaneng, mme se se tla morago ga gore kgotlhatshekelo ya Taung, e busetse kgetsi e morago mo letsatsing la gompieno, gonne magistrata mo kgetsi e, a ne a seo.

Go begwa fa Molale a bolaile Tshepiso Medichane, mme sebakwa sa tiro e, se sa itsiwe. Go ya ka mongwe o boneng ka matlho, lekawana le, lene la tlhabakaka lekgarebe le, mme one a tshaba mo lefelong la tiragalo fa a bona batho.

Fela, go begwa fa ba lelapa la gagwe ba ne ba mo tshwara le go mo isa kwa seteisheneng sa sepodisi sa Taung di ura morago ga tiragalo.  

Kgabagare, sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen are Molale one a tshwarwa le go latofadiwa ka polao ya ga Medichane.

“Ke nnete molatofadiwa mo kgetsing e ya polao o tshwerwe. Molatofadiwa one a isiwa kwa seteisheneng sa sepodisi ke ba lelapa la gagwe.

“One a na le dikgobalo, mme o ile a amogelwa kwa bookelong jwa selegae. Molatofadiwa o lebagane le kgetsi ya polao, mme thipa e e dirisitsweng go bolaya moswi ene ya fitlhelwa kwa lefelong la tiragalo.”

taungdailynews@gmail.com

Kgetsi ya polao kgatlhanong le Molale


Ka OBAKENG MAJE

Lekawana le le latofadiwang ka go tlhaba le go bolaya lekgarebe la gagwe kwa motseng wa Lokgabeng, gaufi le Taung, le tla boela kgotlhatshekelo mo letsatsing la gompieno go dira kopo ya beile. Seno se tla morago ga gore kgetsi ya polao kgatlhanong le Simon Molale (22), e busetswe morago ke kgotlha-tshekelo ya Taung mo bekeng e e fetileng, fa a ne a dira kopo ya beile.

Go begwa fa Medichane a bolailwe ke mokapelo wa gagwe, mme sebakwa sa tiro e, se sa itsiwe. Go ya ka mongwe o boneng ka matlho, lekawana le, lene la tlhabakaka lekgarebe le, mme one a tshaba mo lefelong la tiragalo fa a bona batho.

Fela, go begwa fa ba lelapa la gagwe ba ne ba mo tshwara le go mo isa kwa seteisheneng sa sepodisi sa Taung di ura morago ga tiragalo.  

Kgabagare, sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen are Molale one a tshwarwa le go latofadiwa ka polao ya ga Medichane.

“Ke nnete molatofadiwa mo kgetsing e ya polao o tshwerwe. Molatofadiwa one a isiwa kwa seteisheneng sa sepodisi ke ba lelapa la gagwe.

“One a na le dikgobalo, mme o ile a amogelwa kwa bookelong jwa selegae. Molatofadiwa o lebagane le kgetsi ya polao, mme thipa e e dirisitsweng go bolaya moswi ene ya fitlhelwa kwa lefelong la tiragalo.”

Kgetsi katlhanong le Molale e buseditswe morago go fitlha ka di 26 Phatwe 2024, mo a solofetsweng go dira kopo ya beile.

taungdailynews@gmail.com

Kopo ya beile mo kgetsi ya polao kgatlhanong le Simon Molale e tla reediwa kwa kgotlhatshekelong ya Taung


Setshwantsho: Molatofadiwa wa polao, Simon Molale/Facebook

Ka OBAKENG MAJE

Kopo ya beile kgatlhanong le lekawana le le latofadiwang ka go tlhaba le go bolaya lekgarebe la gagwe kwa motseng wa Lokgabeng, gaufi le Taung, e tlile go reediwa kwa kgotlha-tshekelo ya Taung mo letsatsing la gompieno. Seno se tla morago ga gore kgetsi ya polao kgatlhanong le Simon Molale (22), e busetswe morago ke kgotlha-tshekelo ya Taung mo letsatsing la maabane, fa a ne a dira kopo ya beile.

Go begwa fa Medichane a bolailwe ke mokapelo wa gagwe, mme sebakwa sa tiro e, se sa itsiwe. Go ya ka mongwe o boneng ka matlho, lekawana le, lene la tlhabakaka lekgarebe le, mme one a tshaba mo lefelong la tiragalo fa a bona batho.

Fela, go begwa fa ba lelapa la gagwe ba ne ba mo tshwara le go mo isa kwa seteisheneng sa sepodisi sa Taung di ura morago ga tiragalo. 

Kgabagare, sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen are Molale one a tshwarwa le go latofadiwa ka polao ya ga Medichane.

“Ke nnete molatofadiwa mo kgetsing e ya polao o tshwerwe. Molatofadiwa one a isiwa kwa seteisheneng sa sepodisi ke ba lelapa la gagwe.

“One a na le dikgobalo, mme o ile a amogelwa kwa bookelong jwa selegae. Molatofadiwa o lebagane le kgetsi ya polao, mme thipa e e dirisitsweng go bolaya moswi ene ya fitlhelwa kwa lefelong la tiragalo.”

Kgetsi katlhanong le Molale e buseditswe morago go fitlha ka di 26 Phatwe 2024, mo a solofetsweng go dira kopo ya beile.

taungdailynews@gmail.com