Mankuroane o kgala ka bogale go thubiwa ga mephato


Ka OBAKENG MAJE 

10 Sedimonthole 2024- Mephato ele mebedi e thubilwe kwa motseng wa Mabereng, gaufi le Taung, ka di 6 Sedimonthole 2024. Se se tla morago ga magatwe a gore bangwe ba borra-mophato jaaka Kgethisi Kgethisi, Mogote Pico ga mmogo le Spengwane Bareetseng, ba ile ba tsenya mophato ntle le ditlankana tse di maleba. 

Komiti ya porofense e e ikarabelang ka tsa go tlhatlhela ga mephato (Provincial Initiation Coordinating Committee), e e leng karolo ya Lefapha la Merero ya Setso mo Bokone Bophirima, ga mmogo le sepodisi, ba ne ba tsoga ka makuku a naka tsa kgomo go ya go halatsa mephato eo. 

Modula-setilo wa komiti eo, Kgosi Godfrey Ramosetlhe Gasebone are, batho ga ba utlwe, mme ke tlolo-molao go tlhatlhela mophato ntle le ditlankana tse di maleba. Gasebone are gore motho a feleletse a sa neelwe setlankana se se maleba go ka tlhatlhela, seo se raya gore ga a dira jaaka a ne a laetswe. 

“Jaanong, batho ba rona ga ba utlwe. Ba fetotse setso se sa rona kgwebo. Bana ba isitswe kwa dikolong tse dingwe tse di siameng tse di nang le ditlankana. 

“Gona le metse e mengwe e go neng go sa tshwanelwa go tlhatlhelwa mophato mo go yone, gonne gona le dikgosi tse di tlhokafetseng,” Gasebone wa tlhalosa. 

Mongwe wa bo rra-mophato e e thubilweng, Mogote Pico are: “Ba thubile mephato ya rona, mme ba re ba batla ditlankana tsa go tlhatlhela. Setlankana seo, ba se nyeleditse fela mo tafoleng ya bone. Rona re ile ra bona go le maleba gore re tlhatlhele fela. 

“Ga re itse gore sepodisi se tsaya kae maatla a go thuba mophato. Nna ke itse fa Lefapha la tsa Merero ya Setso fa le thuba mophato, le tshwanetse go tla go bona pele. Ba tshwanetse go tlhalosa gore mophato o thubiwa motlase ga mabaka a fe.” 

Kgabagre, Kgosi Sam Mankuroane are: “Go thuba mophato ke botubi. Ga o kake wa tlogela mophato o tsene nako e telele jalo, mme o be o tla go o thuba. Goreng lefapha le ne le sa lebe kwa kgotlha-tshekelo go kopa lekwalo-thibelo?

“Gatwe go tlhokafetse dikgosana di le tharo, mme ba re bangwe ba seka ba tlhatlhela. Ra tlhaloganya gore ko ga Baga-Maidi, go tlhokafetse Kgosi Kelebonye Motlhabane.” 

Mankuroane are se seneng se tshwanetswe ke go dirwa, ke go itsise borra-mophato botlhe gore ga ba tlhatlhele ngwaga o go ilela kgosi. Mankuroane are se se makatsang ke gore, ba bangwe ba neilwe ditlankana fa ba bangwe ba timilwe. 

taungdailynews@gmail.com

Ngwana o tlhokafetse kwa Ranstad morago ga go ja mazimba


Ka OBAKENG MAJE

26 Ngwanatsele 2024- Kgang ya go tlhokafala ga bana ba ba jeleng mazimba a fetilweng ke letlha ya tswelela. Se se tla morago ga dipego tsa gore ngwana a le mongwe wa kwa motseng wa Ranstad, gaufi le Taung, o tlhokofetse ka Lamatlhatso morago ga dipego tsa gore o jele mazimba.

Go begwa fa Oarabile Nthibogelang (2), ga mmogo le ditsala tsa gagwe di le tharo, ba ne ba etela mongwe wa bagwebi ba kwa mebileng, le go reka mazimba.

Sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Sarasanta Tryphosa van Rooyen are, tiragalo e ke ya di 23 Ngwanatsele 2024. Van Rooyen are bana ba, ba ile ba reka le go ja mazimba ao, mme ba ne ba tshimolola go menekega.

“Batsadi ba bana ba ba ile ba itsiswe, mme ba ne ba ba tabogisetsa kwa bookelong jwa selegae. Ka maswabi, Nthibogelang one a tlhokafala moragonyana, fa bana ba bangwe ba le bararo ba le mo tlase ga tlhokomelo ya dingaka.

“Kgetsi ya morago ga loso ile ya bulwa, mme dipatlisiso di tsweletse. Ga gona ope o tshwerweng go fitlha ga jaana,” van Rooyen wa tlhalosa.

Kgabagare, modulasetilo wa mokgatlho wa baagi wa South African National Civic Organisation (SANCO) mo Greater Taung, Joseph Tanyane are: “Re le maloko a mokgatlho wa baagi wa SANCO, re sentse re le mo letsholong la go etela mabenkele a farologaneng, ga mmogo le dikgwebo. Maitlhomo a letsholo le, ke go lebelela gore a dijo tse ba di rekisang ga di a fetwa ke nako.

“Re rata gape go leboga masepala wa sedika wa Dr Ruth Segomotsi Mompati, ga mmogo le masepala o mogolwane wa Taung, gonne ba ne ba rulagantse letsholo le le ntseng jalo dibeke tse di fetileng.”

Tanyane are le bone jaaka SANCO, ene ele karolo ya letsholo leo. Tanyane are, jaaka mokgatlho wa baagi, ba sentse ba ikuela go batsadi go sefe bana madi.

“Seo se tla thusa gore bana ba se etele dikgwebo tse di farologaneng le go reka mazimba. Selo seo, se feleletsa se dira gore ba latlhagelwe ke botshelo. Re tlile go rulaganya letsholo le lengwe gape.

“Re tlile go mema mafapha a farologaneng go nna karolo ya letsholo. Re kopa baagi ban ne pudi matsepa, gonne  setshaba sa ga rantsho sa nyelela. Re batla gore fa re etela mabenkele a farologaneng, re be re latela molao morago,” Tanyane wa tlhaosa.  

taungdailynews@gmail.com

Monna wa kwa motseng wa Mokassa o ikaleditse  


Ka OBAKENG MAJE

25 Ngwanatsele 2024- Sepodisi sa Taung sa kaile fa se boloditse dipatlisiso tsa morago ga loso. Se se tla morago ga gore monna wa dingwaga di le 63, wa kwa motseng wa Mokassa, gaufi le Taung, a fitlhelwe a ikgwageditse kwa sekgweng gaufi le molapo kwa motseng wa Lokgabeng.

Go ya ka sebueledi sa sepodisi mo Bokone Bophirima, Sarasanta Tryphosa van Rooyen, Molebatsi Edward Maine, one a tswa kwa lelapeng la gagwe ka di 20 Ngwanatsele 2024, mme ga ka a itsise ope gore o ya kae.

“Go ile ga bulwa kgetsi ya motho o timetseng, mme dipatlisiso di ile tsa bolodiwa. Fela ka di 23 Ngwanatsele 2024, setopo sa ga Maine se se neng se kaleditswe, se ile sa bonwa kwa motseng wa Lokgabeng.

“Sepodisi ga se belaele fa go ka tswa gona le letsogo la tshwene mo tiraglong e. Kgetsi ya morago ga loso e butswe kwa seteisheneng sa sepodisi sa Taung,” van Rooyen wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com

Maloko a le mararo a kwa Shaleng a fitlhilwe, fa molatofadiwa a boela kwa kgotlha-tshekelo go dira kopo ya beile


By OBAKENG MAJE

25 Ngwanatsele 2024- Monna wa kwa motseng wa Shaleng, gaufi le Taung, o a latofadiwang ka go bolaya rragwe, Mosimanegape Kale (74), mmagwe eleng Phodisho Kale (68), ga mmogo le kgaitsadie, Bonolo Kale (27), o solofetswe go dira kopo ya beile kwa Kgotlha-tshekelong ya Kgomotso mo letsatsing la gompieno.

Molatofadiwa, Olebogeng Mampe Kale (33), o latofadiwa ka go ngata rragwe, mmagwe le kgaitsadie ka molamu mo ditlhogong, mme a ba bolaya ka gagwe dibeke di le pedi tse di fetileng.  

Go ya ka sebueledi sa sepodisi mo Bokone Bophirima, Colonel Adele Myburgh, Kale one a tsena kwa gagabo, mme a fitlhela ba losika la gagwe ba dutse mo tafoleng e go nwelwang mogodungwana mo go yone kwa mogwafatsheng wa bone. Myburgh are Kale o ile a ngata batsadi ba gagwe le kgaitsadie ka molamu mo ditlhogong.

“Go begwa fa maloko mangwe a losika ba ne ba tshaba ka letlhaba-phefo go efoga tiragalo e. Ba ile ba siele kwa baagisanyeng le go kopa thuso. Go begwa fa maloko mangwe a baagi, ba ile ba tswa letsholo le go batlana le monna o, morago ga gore a tsene ka lenga la seloko.

“Ba ile ba mo tshwara ka Lamatlhatso ka ura ya borataro mo mosong le go mo neela sepodisi. Ba thuso ya potlako ba ile ba bidiwa, mme ba netefatsa fa baswi ba tlhokafaletse kwa lefelong la tiragalo,” Myburgh wa tlhalosa.

Mokomishinara wa sepodisi mo Bokone Bophirima, Lieutenant General Sello Kwena, o ile a kgala tiragalo e e setlhogo e ka bogale. Kwena o ile akgola baagi morago ga go thusana le sepodisi mo go tshwareng molatofadiwa.

Kgabagare, baswi ba ile ba fitlhiwa ka Lamatlhatso teng kwa motseng wa Shaleng. Molekgotlha kwa masepaleng o mogolwane wa Taung, Itumeleng Maribe are, baagi ba le bantsi ba ile ba tlhalosa fa ba belaela gore molatofadiwa a ka tswa a ne a le mo tlase ga tshushumetso ya diritibatsi fa a ne a dira tiro e.

“Ba ikuetse go puso go ka bolotsa ntwa kgatlhanong le tiriso e botlhatswa ya diritibatsi. Baagi ba re jaaka puso e boloditse ntwa kgatlhanong le mabenkele a rekisang dijo tse di fetilweng ke nako, e tshwanetse gore e dire fela jalo kgatlhanong le tiriso e botlhatswa ya diritibatsi.

“Jaanong, ba tlhalositse gore botlhe ba ba rekisang diritibatsi, ba tshwarwe mme molao o tseye karolo. Ba re diritibatsi di senya bokamoso jwa basha ba le bantsi, mme seo se tseelwe tlhogong. Ba re basha botlhe ba ba dirisang diritibatsi, ba tshwanetse gore ba thusiwe, mme Lefapha la Katlatlelo-Loago le lone le thuse,” Maribe wa tlhalosa.

Are ba tlile go dirisana le sepodisi go ka leka go reba ditiragalo tse di ntseng jaana gore di se tlhola di diragala. Maribe are jaaka masepala, ba ile ba etela lelapa mogare ga beke le go neelana ka dithuso.

taungdailynews@gmail.com

  

Monna o tshwerwe morago ga go latofadiwa ka go bolaya rragwe, mmagwe ga mmogo le kgaitsadie kwa Shaleng


Ka OBAKENG MAJE

16 Ngwanatsele 2024- Monna wa dingwaga di le 33 wa kwa motseng wa Shaleng, gaufi le Taung, o solofetswe go tlhagelela kwa Kgotlha-tshekelong ya Kgomotso ka Mosupulogo. Se se tla morago ga go latofadiwa ka go bolaya rragwe, Mosimanegape Kale (74), mmagwe eleng Phodisho Kale (68), ga mmogo le kgaitsadie, Bonolo Kale (26).

Go begwa fa monna o, a ile a tsena kwa mokhukhung wa kwa gagabo, mme a fitlhela ba lelapa la gagwe ba itisitse ka mogodungwana. Go begwa fa monna o, a ile a ba tlhasela ka molamu.

Sebueledi sa sepodisi mo Bokone Bophirima, Colonel Adele Myburgh are: “Go begwa fa monna o, a ile a ngata ba lelapa la gagwe ka molamu mo ditlhogong, mme a sia kwa lefelong la tiragalo. Tiragalo e, ke ya maabane bosigo.

“Maloko a lelapa a le mararo, a ile a netefadiwa fa a tlhokafetse ke ba ditirelo tsa tshoganyetso. Bangwe ba baagi ba ile ba tswa letsholo le go batlana le mmelaelwa. Monna o, o ile a lelelwa ke ditshipi mo mosong jaana, mme o solofetswe go ka shadikanya matlho kwa Kgotlha-tshekelo ya Kgomotso ka Mosupulogo.”

Myburgh are dikgetsi di le tharo tsa polao di butswe kgatlhanong le mmelaelwa, mme sebakwa sa tiro e, ga se se itsiwe. Myburgh are dipatlisiso mo tiragalong e, di tsweletse.

Modula-setilo wa setlamo sa Sino Themba se eseng sa puso, mme se dira ka ditshotlakako kgatlhanong le bong, Golekane Morwe are tiragalo e, e amile maikutlo a baagi. Morwe are ba ikuela go batho botlhe go ka lwa kgatlhanong le ditshotlakako tsa bong.

“Re ka netefasa fa tiragalo e, e tlogetse baagi ba gamaregile, ebile ba ipotsa gore sebakwa sa bosetlhogo jo bo kana-kana ke jwa eng. Re ikuela gore re le baagi, re eme ka dinao, mme re lwe kgatlhanong le ditiragalo tse,” Morwe wa tlhalosa.

Kgabagare, kemedi go tswa kwa masepaleng o mogolwane wa Taung, e solofetswe go ka etela lelapa ka Mosupulogo.

taungdailynews@gmail.com

 

Kgetsi ya polao ya kwa Majaneng e buseditswe morago


Ka OBAKENG MAJE

13 Ngwanatsele 2024- Kgetsi ya polao kgatlhanong le monna wa kwa motseng wa Majaneng, gaufi le Taung, e buseditswe morago ke kgotlha-tshekelo ya Taung go fitlha di 6 Tlhakole 2025. Motseothata Nelson Seoleseng (35), o latofadiwa ka go tlhaba le go bolaya tsala ya gagwe, Mosimanegape Adam van Wyk (31), ka thiba.

Tiragalo e, e diragetse dikgwedi di le mmalwa kwa motseng wa Majaneng. Go begwa fa Seoleseng ga mmogo le moswi, ba ne ba le mmogo, mme ba ile ba ya kwa gabo molatofadiwa ko ba fitlhetseng morwa rragwe molatofadiwa ana le lekgarebe la gagwe.

Mongwe wa bo maratahelele wa tlhalosa: “Go begwa fa go ile ga runya kgakgauthano ya mafoko ma gareng ga molatofadiwa le monnawe. Sebakwa sa kgakgauthano ke gore, molatofadiwa one a botsa monnawe gore goreng a tlisa lekgarebe kwa gagabo.

“Ene ya re fa e ya matsogong, tsala ya molatofadiwa, van Wyk, one a leka go tsiriganya. Fela go begwa fa molatofadiwa a ne a mo tsogela kgatlhanong, mme a mo tsatsanka ka thipa. Go ya ka dipego, moswi one a rwalelwa kwa bookelong jwa sedika jwa Taung, fela one a balelelwa le badimo mo letsatsing le le latelang.”

Go begwa fa kgetsi ya polao ene ya bulwa, mme mmelaelwa one a tshwarwa.

Sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen are, kgetsi ya polao e butswe.

Kgabagare, mmagwe moswi, Pulane Van Wyk are: “Pelo ya ka e setse e rotha kgodu e khibidu. Jaaka ke bua le wena jaana, ke dula ke tshogile ka gore monnawe molatofadiwa, Tshotlhego, o dula a mpolelela gore molatofadiwa o dula a mo letsetsa, mme are nna ke mo ntshe mo kgolegelong, mme o tla nnaya madi.

“Jaanong, potso ke gore a ke sireletsegile fa go direga dilo tse. Ke ile ka itsise le sepodisi gore a go siame gore ere molatofadiwa a mmpolaetse ngwana a be a dula a romela batho mo go nna gore ke mo ntshe mo kholegelong o tla nnaya madi.”

Van Wyk are o boleletse monnawe molatofadiwa gore fa a sa batle a mo tsenya ka ntlo-lefitshwana, a ye go mo nnaya ngwana wa gagwe. Are Motseothata ene o botokwa gonne ba lelapa la gagwe ba dula ba mo bona kwa kgotlha-tshekelo, mme ene ngwana wa gagwe ga a mo bone.

taungdailynews@gmail.com

Kgetsi ya polao ya kwa Majaneng e boela kgotlha-tshekelo


Ka OBAKENG MAJE

12 Ngwanatsele 2024- Kgetsi ya polao kgatlhanong le monna wa kwa motseng wa Majaneng, gaufi le Taung, e boela kgotlha-tshekelo mo letsatsing la gompieno. Motseothata Nelson Seoleseng (35), o latofadiwa ka go tlhaba tsala ya gagwe, Mosimanegape Adam van Wyk (31) ka thiba go fitlhelela a tlhokafala.

Tiragalo e, e diragetse dikgwedi di le mmalwa kwa motseng wa Majaneng. Go begwa fa Seoleseng ga mmogo le moswi, ba ne ba le mmogo, mme ba ile ba ya kwa gabo molatofadiwa ko ba fitlhetseng morwa rragwe molatofadiwa ana le lekgarebe la gagwe.

Mongwe wa bo maratahelele wa tlhalosa: “Go begwa fa go ile ga runya kgakgauthano ya mafoko ma gareng ga molatofadiwa le monnawe. Sebakwa sa kgakgauthano ke gore, molatofadiwa one a botsa monnawe gore goreng a tlisa lekgarebe kwa gagabo.

“Ene ya re fa e ya matsogong, tsala ya molatofadiwa, van Wyk, one a leka go tsiriganya. Fela go begwa fa molatofadiwa a ne a mo tsogela kgatlhanong, mme a mo tsatsanka ka thipa. Go ya ka dipego, moswi one a rwalelwa kwa bookelong jwa sedika jwa Taung, fela one a balelelwa le badimo mo letsatsing le le latelang.”

Go begwa fa kgetsi ya polao ene ya bulwa, mme mmelaelwa one a tshwarwa.

Sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen are, kgetsi ya polao e butswe. Kgetsi e buseditswe morago go fitlha 7 Phatwe 2024, go tla go utlwa letsatsi la tsheko. 

Kgabagre, mmagwe moswi, Pulane Van Wyk are: “Pelo ya ka e setse e rotha kgodu e khibidu. Jaaka ke bua le wena jaana, ke dula ke tshogile ka gore monnawe molatofadiwa, Tshotlhego, o dula a mpolelela gore molatofadiwa o dula a mo letsetsa, mme are nna ke mo ntshe mo kgolegelong, mme o tla nnaya madi.

“Jaanong, potso ke gore a ke sireletsegile fa go direga dilo tse. Ke ile ka itsise le sepodisi gore a go siame gore ere molatofadiwa a mmpolaetse ngwana a be a dula a romela batho mo go nna gore ke mo ntshe mo kholegelong o tla nnaya madi.”

Van Wyk are o boleletse monnawe molatofadiwa gore fa a sa batle a mo tsenya ka ntlo-lefitshwana, a ye go mo nnaya ngwana wa gagwe. Are Motseothata ene o botokwa gonne ba lelapa la gagwe ba dula ba mo bona kwa kgotlha-tshekelo, mme ene ngwana wa gagwe ga a mo bone.

taungdailynews@gmail.com

Mosadi o tlhokafetse morago ga go idibala


Ka OBAKENG MAJE

28 Diphalane 2024- Mosadi wa kwa motseng wa Magogong, gaufi le Taung, o tlhokafetse morago ga go idibala. Go begwa fa Bontleeng Matseko (41), a ne a tsamaya le mogatse go ya kwa toropong fa tiragalo e, e diragala.

Sebueledi sa sepodisi mo Bokone Bophirima, Brigadier Sabata Mokgwabone are ene ya re mo go boeng ga bone, Matseko one a ikutlwa e kare otshwerwe ke sedidi.  Mokgwabone are tiragalo e, ke ya Lamatlhatso, mme moswi one a le mo tekesing fa e diragala.

“O ile a bewa mo tlase ga setlhare, mme go ile ga bidiwa ambulance. Ka maswabi, o ile a begwa fa tlhokafetse, mme kgetsi ya morago ga loso e butswe.  

“Go fitlha ga jaana, dipatlisiso di tsweletse, mme ga go belaelwe fa go nnile le letsogo la tshwene,” Mokgwabone wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com

Baithuti ba le supa kwa Cokonyane ba aparetswe ke moya wa ‘matimone’   


Ka OBAKENG MAJE

21 Diphalane 2024- Go begwa fa seemo se tlhotse se tswile mo taolong, mme dithuto di batlile di kgorelesege kwa sekolong se segolwane sa Marubising le kwa sekolong se se potlana sa Keikanamang kwa motseng wa Cokonyane, gaufi le Taung, mo letsatsing la gompieno.

Go belaelwe fa baithuti ba le mmalwa ba ile ba tshwarwa ke moya wa matimone mo mosong. Se se tla morago ga gore moruti Moses Motlhale a rapelele baithuti pele ga ba tla tshimolola ka go kwala ditlhatlhobo tsa bone tsa mafelo a ngwaga.

Go begwa fa Motlhale, a ile a biletswa kwa dikolong tse pedi tse go ya go rapelela baithuti. Fela go ya ka bo maratahelele, baithuti bangwe ba ile ba aparelwa ke moya wa matimone, mme ba ile ba lela le go gowa.

Go begwa fa baithuti bao, ba ile ba tlhalosa fa ba bona dilo dingwe jaaka dinoga le tse dingwe.

Sebueledi sa Lefapha la Thuto mo Bokone Bophirima, Mphata Molokwane are, bagokgo ba dikolo tse pedi tseo, ba tlhalositse fa gone go tsweletswe ka thapelo jaaka go ke go dirwe ngwaga le ngwaga pele ga baithuti ba kwala ditlhatlhobo tsa bone tsa mafelo a ngwaga.

“Fela, go ile ga tlhalosiwa fa baithuti ba le supa ba mephato e kwa tlase ba ile ba bontsha fa ba na le kgatelelo ya maikutlo, mme ba simolola go lela le go gowa. Baithuti bao, ba ile ba rwalelwa kwa kliniking ya selegae go ka leka go ba neela thobo ya maikutlo.

“Jaaka re bua le wena jaana, baithuti bao ba siame. Ga gwa nna le di kgoreletsi mo go kwaleng ga ditlhatlhobo tsa marematlou kwa sekolong sa Marubising,” Molokwane wa tlhalosa.

Kgabagare, moruti o a neng a rapelela baithuti ba, Moses Motlhale are: “Ke ne ke ile go rapelela baithuti kwa sekolong se segolwane sa Marubising le se se potlana sa Keikanyamang. Se se diragetseng ke gore, baithuti ba ile ba nna mo seemong se sengwe.

“O tla fitlhela ba na le matsapa a farologaneng go tswa kwa malapeng a bone. Jaanong, erile fa dilo tseo di kopana le thapelo, di be di ba dira gore ba nne mo seemong se ba neng ba le mo go sone.”

Motlhale are go bua nnete, ene ga a rapele mong wa leina thapelo fa a rapela. Motlhale are o tsaya matsatsi a le supa pele ga a ya kwa go tshwanetsweng gore a ye go rapela teng.

“Se ke se buang ka leganong la ka, ke se se tlileng go ntsha dilo tse di maswe. Baithuti ba ne ba sa ngatege, mme ba ne ba wa le go gowa ekete ba bona dilo tsa boloi. Ke tswa go katolola dineo tsa bana, mme bangwe ba tlhalositse fa ba bona digaga le diphala. Ba bangwe ba tlhalosisitse fa ba bone bannabagolo ba tshwere dithobane.

“Ke selo se kgale se direga kwa Marubising. Jaanong, ke ile ka bilediwa le kwa Keikanamang. Ke utlwile gotwe bana ba wa. Fela, ga se ke utlwe sepe kwa sekolong se se potlana sa Lekang. Mme fa go ka nna le mokgwasa le gone, re tlile go ya,” Motlhale wa tlhalosa.

Motlhale are kwa Marubising ga are gatwe, mme o tswa teng. Are baithuti ba bangwe ba buseditswe magaeng, gonne barutabana ba ne ba tlhalosa fa ba kgoreletsa ditlhatlhobo tsa baithuti ba marematlou.

taungdailynews@gmail.com

Mosadi mongwe o bolailwe ke baagi kwa Modutung morago ga go mo latofatsa ka boloi


Ka OBAKENG MAJE

21 Diphalane 2024- Baagi ba ba shakgetseng ba kwa motseng wa Modutung, gaufi le Taung, ba letse ba fisitse le go bolaya mme mongwe, Omphile Mothusiemang-Legodu (40), morago ga gore ba mo latofatsang ka boloi le go nna le seabe mo go bolaweng ga ga Rethabile Molapo (11).

Molapo o ile a timele ka di 13 Diphalane 2024, fa a ne a romilwe go ya go tsaya seaparo sa kereke kwa gagabo. Go begwa fa a ile a thopiwa ke batho bangwe ba ba sa itsiweng.

Setopo se se neng se senyegile sa ga Molapo, se ne sa fitlhelwa se fisitswe kwa ntlwaneng-boithusetso kwa ntlung nngwe e go sa duleng batho kwa go yone. Seo, se ile sa shakgatsa baagi, mme ene ya re morago ga phitlho ya ga Molapo mo letsatsing la maabane, ba ile ba ya go fisa Mothusiemang-Legodu le go mo bolaya.

Go ya ka sebueledi sa sepodisi mono Bokone Bophirima, Brigadier Sabata Mokgwabone, are go begwa fa baagi ba fisitse ntlo ya ga Mothusiemang-Legodu. Gape Mokgwabone are, baagi ba ile ba tsaya dilwana kwa lebenkeleng lengwe la motswa-kwa.

“Molapo o ile a timela ka di 13 Diphalane 2024. Fela, sepodisi se ile sa itsiswe morago ga matsatsi a le mararo. Ba lelapa ga ba ka ba itsise sepodisi, gonne ba ne ba setse ba ikopantsha le dingaka tse di farologaneng.

“Sepodisi se ile sa bidiwa, mme go fitlha ga jaana seemo se retibetse. Sepodisi se butse kgetsi ya polao, ya go fisa le bogodu, fela ga go ope o tshwerweng go fitlha ga jaana. Dipatlisiso di tsweletse, mme sepodisi se ikuela go baagi go se itseele molao mo matsogong,” Mokgwabone wa tlahosa.

taungdailynews@gmail.com