Mosimane oneng a timetse o bonwe 


Ka OBAKENG MAJE 

Mosimane oneng a timetse kwa motseng wa Magojaneng, gaufi le Mothibistad, o bonwe. Go begwa fa mosimane o, a ne a tlogelwa kwa phaphosing ya borobalo kwa ntlung ya ga Koketso Thobega. 

Go ya ka sebueledi sa sepodisi kwa porofenseng ya Northern Cape, Mokaptein Nomvuyo Makoloi, Thobega o ba laetse fa ane a makadiwa ke go bona mosimane a robetse mo thoko ga gagwe fa a tsoga mo mosong ka di 14 Moranang. 

“Thobega one a tlhalosa fa a sa itse mosimane o, kgotsa batsadi ba gagwe. Go ya ka ene, ga se motho o lotlelang dikgoro fa a robala. Jaanong, o belaela fa mongwe a ile a itatlhela mo ntlung ya gagwe, mme a tlogela mosimane o mo thoko ga gagwe. 

“Mosimane o, one a isiwa kwa seteisheneng sa sepodisi sa Mothibistad, mme se se itumedisang ke gore, ba lelapa la gagwe ba ile ba tla go mo tsaya. Re le sepodisi, re romela molaetsa wa ditebogo go baagi ba ba ileng ba re neela tshedimosetso ya go golagana le ba lelapa la mosimane o,” Makoloi wa tlhalosa. 

Makoloi are mosimane o, one a isiwa ditekong, mme a neelwa ba lelapa la gagwe morago ga moo. 

taungdailynews@gmail.com