Mmelaelwa o tshwere mabapi le kgothoso ya mo ntlung le petelelo


By OBAKENG MAJE

25 Seetebosigo 2026 – Mmelaelwa wa dingwaga di le 35 o tshwere mabapi le kgothoso ya mo ntlung le petelelo kwa Mmabatho gaufi le Mahikeng. Go begwa fa sepodisi se ile sa bolotsa dipatlisiso tse di tseneletseng morago ga go bulwa ga kgetsi.

Sebueledi sa sepodisi mono porofenseng ya Bokone Bophirima, Colonel Anne Magakoe are dipatlisiso tse, di boloditswe ke maloko a sepodisi a lephata le le rebang dintwa tsa mo malapeng, tshireletsego ya bana ga mmogo le dipetelelo, mme ba thusana le lephata la botlhodi go tswa kwa Brits ga mmogo le setlhopa sa sepodisi se se tlhopilweng. Magakoe are go begwa fa mmelaelwa a ile a latlha mogala wa gagwe wa letheka ka motsi wa fa a ne a dira bosinyi jo.

“Batlhankela ba forensiki ba ile ba bona mogala o wa letheka kwa lefelo la tiragalo, mme ba o batlisisa. Go begwa fa mogala o, o ile wa golaganya mmelaelwa le ditiragalo tse. Mmelaelwa o, o solofetswe go tlhagelela kwa kgotlhatshekelo ya Mmabatho fa kgwedi ya Seetebosigo e tlhola matsatsi a le 26.

“Mmelaelwa o, o lebagane le tatofatso ya kgothoso mo ntlung le petelelo,” Magakoe wa tlhalosa.

Kgabagare, Mokomishinara wa sepodisi wa nama-o-sa-tshwere mono porofenseng, Major General (Dr) Ryno Naidoo, o akgotse batlhankela ba sepodisi ba ba netefaditseng fa mmelaelwa a tshwarwa. Naidoo are dipatlisiso di a tswelela.

taungdailynews@gmail.com