Banna ba le bararo ba kwa ChosengĀ  ba tshwerwe mabapi le polao

Ka OBAKENG MAJE

23 Lwetse 2025- Babelwaelwa ba le bararo ba dingwaga di le 42, 52 ga mmogo le 70, ba solofetswe go rotola matlho fa pele ga kgotlhatshekelo ya Taung mo letsatsing la gompieno mabapi le ditatofatso tsa polao. Go begwa fa babelaelwa ba, ba latofadiwa ka go bolaya monna wa dingwaga di le 36.

Go begwa fa ba ile ba teketa monna o go fitlha a tlhokafala morago ga go mo latofatsa ka bogodu jwa leruo. Go ya ka dipego, banna ba, ba ne ba le babedi, mme o mongwe o ile a amogelwa kwa bookelong jwa sedika jwa Taung ka dikgobalo tse di masisi.

Sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segoomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen are, sepodisi se ile sa bilediwa kwa lefelo la tiragalo kwa Etos Farm kwa motseng wa Choseng, gaufi le Pudimoe fa Lwetse a ne a tlhola matsatsi a le 20 ka ura ya bosupa mo mosong.  Van Rooyen are batlhakela ba sepodisi ba fitlhetse moswi a rebegile sefatlhego ka dintho tsa go teketikwa.

ā€œGo tshwerwe banna ba le bararo mabapi le ditatofatso tse, mme bone ba tlile go tlhagelela kwa kgotlhatshekelo ya Taung mo letsatsing la gompieno. Babelaelwa ba, ke baagi ba naga ya Afrika Borwa,ā€ van Rooyen wa tlhalosa.

Kgabagare, go begwa fa moswi ele moaagi wa kwa motseng wa Maganeng, gaufi le Taung, fa mong ka ene yo a amogetsweng kwa bookelong jwa sedika jwa Taung ka dikgobalo tse di masisi, ele moagi wa Choseng.

taungdailynews@gmail.com

Mong wa lebenkele o kgothusitswe kwa motseng wa Mocweding

Ka OBAKENG MAJE

27 Ferikgong 2025- Monna wa motswakwa o nang le lebenkele kwa motseng wa Mocweding, gaufi le Taung, o tlhasetswe le go kgothusiwa madi a seatleng ke banna bangwe ba le bararo ba ba sa itsiweng. Go begwa fa motswakwa o, a ne kgorogelwa ke banna ba baneng ba tshwere dithunya ka Lamatlhatso bosigo, mme ba mo kgothosa.

Go ya ka sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen, banna ba, ba ne ba kgothosa monna o madi, dilwana ga mmogo le mogala wa gagwe wa letheka.

ā€œBanna ba, ba ile ba digela mong o wa lebenkele dingalo, le go mo tlogela a phokga-phokga madi. O ile a iponela dikgobalo mo tlhogong, ga mmogo le mo mmileng.

ā€œMonna o, o ile a tabogisetswa kwa kliniking ya selegae go ya go bona kalafi. Go fitlha ga jaana, ga go ope o tshwerweng, mme kgetsi ya go tshwara kgwebo poo e butswe,ā€ van Rooyene wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com

Mmelaelwa a le mongwe mo kgetsing ya go kgothosa sejanaga sa Fidelity mono Taung oĀ solofetswe go tlhagelela kwa kgotlha-tshekelo

Setshwantsho: Sejanaga se se rwalwang madi sa Fidelity se tlhasetswe mono Taung

Ka OBAKENG MAJE

23 Lwetse 2024- Mmelaelwa a le mongwe o golaganngwang le kgetsi ya kgothoso ya madi mono Taung, o tshwerwe. Kgetsi e, e diragetseng fa pele ga lebenkele le le itsegeng la Shoprite ka di 10 Lwetse 2024. Go begwa fa banna ba le bane, ba ba neng ba tlhometse go utlwala, ba ile ba kgothosa sejanaga se se rwalang madi sa Fidelity.  

Go ya ka sebueledi sa sepodisi mo Bokone Bophirima, Brigadier Sabata Mokgwabone, banna ba, ile ba kgorogela batlhankela ba tshireletso ba setlamo sa Fidelity ba ba neng ba pega mabokoso a le mararo a tsenyang madi mo sejanageng sa bone.

ā€œGo begwa fa banna ba, ba ne ba kgweetsa sejanaga sa modiro wa Volkswagen Tiguan, mme ba ile ba thuntsa le go tlogela mokgweetsi wa sejanaga se se rwalang madi sa Fidelity ka dikgobalo.

ā€œTiragalo e, ke ya ura ya bo robongwe mo mosong kwa toropong ya Taung. Sepodisi se ile sa ragogela teng, mme ba fitlhetse sejanaga se se rwalang madi sena le diphatlha tsa dikolo tsa sethunya. Go begwa fa mokgweetsi wa sejanaga se se rwalang madi a ile a tswa kotsi, morago ga go thuntsiwa mo legetleng la gagwe la moja,ā€ Mokgwabone wa tlhalosa.

Mokgwabone are, go begwa fa batlhankedi ba ba tshireletso, ba ne ba pega dibokoso tse di senang madi mo sejanageng sa bone fa ba ne ba tlhaselwa. Mokgwabone are, go begwa fa mongwe wa ba belaelwa a ile a tswa kotsi, morago ga go thuntsiwa mo leotong.

ā€œSepodisi se fitlhetse sejanaga se se neng se dirisiwa ke bo rasethunya ba, se tlogetswe kwa sekgweng ma gareng ga Taung le Hartswater. 

ā€œGo bontsha fa babelaelwa ba, ba ile ba tshaba ka mabokoso a le mararo a neng a sena sepe mo teng. Kgetsi e, ile ya shutisediwa kwa lephateng la The Hawks,ā€ Mokgwabone wa tlhalosa.

Kgabagare, sebueledi sa bosekisi mono Bokone Bophirima, Sivenathi Gunya are, lephata la The Hawks, le ile la tshwarwa mmelaelwa a le mongwe mo kgetsing e. Gunya are monna o, o ile a tlhagelela kwa kgotlha-tshekelo ya Taung, mme o lebagane le dikgetsi di le tharo tse di masisi tsa kgothoso, kgetsi ele nngwe ya maiteko a polao le go tshwara dithunya go se mo molao.

ā€œKgetsi kgatlhanong le monna o, e buseditswe morago go fitlha di 23 Lwetse 2024, mme molatofadiwa o solofetswe go dira kopo ya beile,ā€ Gunya wa tlhalosa.  

taungdailynews@gmail.com

Mmelaelwa a le mongwe mo kgetsing ya go kgothosa sejanaga sa Fidelity mono Taung o tshwerwe

Setshwantsho: Sejanaga se se rwalwang madi sa Fidelity se tlhasetswe mono Taung

Ka OBAKENG MAJE

19 Lwetse 2024- Mmelaelwa a le mongwe o golaganngwang le kgetsi ya kgothoso ya madi mono Taung, o tshwerwe. Kgetsi e, e diragetseng fa pele ga lebenkele le le itsegeng la Shoprite ka di 10 Lwetse 2024. Go begwa fa banna ba le bane, ba ba neng ba tlhometse go utlwala, ba ile ba kgothosa sejanaga se se rwalang madi sa Fidelity.  