Bese e neng e tshwanetse go rwalela baithuti ba kwa Tlapeng 1 kwa sekolong e ganne go duma


Ka OBAKENG MAJE

Batsadi ba baithuti ba ba nnang kwa Tlapeng 1, mme ba tsena sekolo kwa Serasengwe kwa Tlapeng, gaufi le Taung, ba tlhalositse fa ba itemogela matsapa ka sepalangwa se se rwalang baithuti go ya sekolong. Go ya ka mongwe wa batsadi, Lesego Senwedi, baithuti ga ba kgona go ya sekolong fa dikolo di ne di bula maloba, gonne bese e ba neng ba tshwanetse gore ba e palame e ile ya palelwa ke go duma mo mosong.

“Bana ba rona ga ba ye sekolong ka ntlheng ya gore ga gona bese e ba rwalelang koo. Fa dikolo di ne di bulwa ka Ferikgong fa ngwaga o tshimolola, ba ile ba dula matsatsi a le mararo ba sa ye sekolong, gonne go sena bese e ba tsayang. 

“Le ka kgwedi ya Tlhakole 2024, bana ga ba kgona go ya sekolong, mme bothata e ntse ele jone jwa sepalangwa. Fa dikolo di ne di bulwa maloba, bana ga ba kgona go ya sekolong gonne bese eneng e tshwanetse gore e ba tseye, e paletswe ke go duma mo mosong. Re ile ra leka go bua le mogokgo, mme ga go nko e tswang lemina.

Motsadi o mongwe, Dorah Serasengwe are tlholego ya sepalangwa ke tlhoba-boroko, gonne bana ba bone ba saletse kwa morago ka dithuto tsa bone ka ntlheng ya tlhokego ya sepalangwa.

“Re lekile go bua le batho botlhe ba ba maleba go ka rarabolola bothata jo, fela ga gona thuso e re e bonang,” Serasengwe wa tlhalosa.

Kgabagare, sebueledi sa Lefapha la Tshireletso ya Baagi le Tsamaiso ya Dipalangwa mo Bokone Bophirima, Lucas Mothibedi are, lefapha la itse ka mathata ao a kwa Tlapeng 1. Mothibedi are lefapha le sweditse go kgaogana le moneela ditirelo kwa motseng o.

“Moneela ditirelo, o paletswe ke tiro ya gagwe, mme ga jaana re tshotse tshwetso ya go kgaogana le ene. Re tla tsenya tirisong mokgwa mongwe wa go bona gore baithuti ba fitlha jang kwa sekolong. Re tlile go netefatsa fa moneela ditirelo o, a tlosiwa mo lenaneng la baneela ditirelo ba lefapha.

“Re dira ka bojotlhe ga mmogo le tlhogo ya lefapha, Dr Hans Kekana gore ba neela ditirelo botlhe ba ba palelwang ke go dira tiro ya bone, re kgaogane le bone mme dikonteraka tsa bone di shutlhiwe leruri,” Mothibedi wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com