Monna wa kwa Majaneng o bonwe molato mabapi le polao


Ka KEDIBONE MOLAETSI

22 Seetebosigo 2026 – Monna wa dingwaga di le 36 wa kwa Motseng wa kwa Majaneng, gaufi le Taung o tlhotse a bonwe molato wa polao ke kgotlhatshekele ya sedika ya Taung. Go begwa fa Motseothata Nelson Seoleseng a ne a tshwarwa morago ga go tlhaba tsala ya gagwe, Mosimanegape Adam van Wyk (31) ka thiba.

Tiragalo e, e diragetse ka ngwaga wa 2024. Go begwa fa Seoleseng ga mmogo le moswi, ba ne ba le mmogo, mme ba ile ba ya kwa gabo molatofadiwa ko ba fitlhetseng morwa rragwe molatofadiwa ana le lekgarebe la gagwe.

Go begwa fa go ile ga runya kgakgauthano ya mafoko ma gareng ga molatofadiwa le monnawe. Sebakwa sa kgakgauthano ke gore, molatofadiwa one a botsa monnawe gore goreng a tlisa lekgarebe kwa gagabo.

“Ene ya re fa e ya matsogong, tsala ya molatofadiwa, van Wyk, one a leka go tsiriganya. Fela go begwa fa molatofadiwa a ne a mo tsogela kgatlhanong, mme a mo tsatsanka ka thipa. Go ya ka dipego, moswi one a rwalelwa kwa bookelong jwa sedika jwa Taung, fela one a balelelwa le badimo mo letsatsing le le latelang.”

Go begwa fa kgetsi ya polao ene ya bulwa, mme mmelaelwa one a tshwarwa.

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.