Monna o lotofadiwang ka go thuntsa lekgarebe la gagwe o buseditswe kwa ntlo-lefitshwaneng


Setshwantsho: Moswi, Nde Emphukile   

Ka OBAKENG MAJE

Monna wa dingwaga di le 47 o latofadiwang ka go thuntsa lekgarebe la gagwe, Nde Emphukile (38), o tlhotse a tlhageletse kwa kgotlhatshekelo ya Taung mo letsatsing la gompieno. Kabelo Mogongwa yo o lebaganeng le kgetsi ya polao, o buseditswe kwa ntlo-lefitshwaneng, mme kgetsi ya gagwe e buseditswe morago go fitlha di 12 Tlhakole 2024.

Go begwa fa Mogongwa le Empukile, ba ne ba dula botlhe kwa phaphosing e e hirilweng kwa motseng Khibitswane, gaufi le Taung.

Go ya ka sebueledi sa sepodisi mo Bokone Bophirima, Mokaptein Aaftje Botma, moagisani wa monna o, o ile a tlhalosetsa sepodisi fa baratani ba, ba gorogile ka ura ya bongwe mo mosong, mme go ile ga tsoga kgakgauthano ma gareng ga bone.

“O kaile fa a utlwile modumo wa sethunya. Sepodisi se ile sa biletswa kwa lefelong la tiragalo, mme se ile sa fitlhela moswi mogare ga bophadiphadi jwa madi.

“Sepodisi se ile sa tlhoka gore ba shage burglars gore ba kgone go tsena mo ntlung. Molatofadiwa o ile a tshwarwa, mme o solofetswe go tlhagelela kwa kgotlhatshekelo ya Taung mo letsatsing la gompieno,” Botma wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.