
Setshwantsho: Danny Maotshelo o go kailweng a timetse kwa Modimong/Facebook
Ka OBAKENG MAJE
Bontsi jwa baagi kwa metse e e faroganeng go ralala Taung, ba kaile fa jaanong ba tshelela mo letshogong. Mme sebakwa sa seno, ele ka mokgwa o batho ba timelang ka teng mo matsatsing a.
Baagi ga mmogo le dingaka tsa setso tse di farologaneng, ba letse ba kokwane kwa lelapeng la rra Matshelo, kwa motseng wa Modimong, gaufi le Taung go ya go lekola seemo sa monna o timetseng eleng Danny.
Go begwa fa Daddy ana le matsatsinyana a ntse a timetse, mme go sena nko e e tswang lemina le go supa gore a ka tswa a le kae.
Jaanong, modulasetilo wa dingaka go tswa kwa mokgatlhong wa Traditional Health Practitioners (THP), Mpelegang Magano are, ba ile ba bilediwa kwa lelapeng leo ke ba bogosi jwa Batlhaping Baga-Phuduhucwana go ya go thusa le go laola gore monna o o timetseng a ka tswa a le kae.
“Jaaka kele modulasetilo wa Traditional Health Practitioners (THP) mo Taung, re ile ra kopiwa ke ba bogosi jwa ga Mankuruane go ya go thusa, jaaka go na le monna o nyeletseng. Ka jalo, re ile ra kopiwa go ya go itaya tlhabane, mme re bone gore re ka thusa ba losika jaang.
“Re ile ra sheba jalo jaaka dingaka, mme re ile ra laela ba lelapa gore ba shebele ntlha efeng. Fela ka maswabi, motho o o nyeletseng mo lelapeng ga a sa tlhole a le mo botshelong jo bo ka kwano,” Magano wa tlhalosa.
Ba lelapa ba ganne go bua le babega-dikgang mo ntlheng eno.

Setshwantsho: Dingaka di kgokane kwa lelapeng la ga Daddy Botshelo
Kgabagare, ba sepodisi mo Bokone Bophirima ba kaile fa batho ba feta sekete go ralala porofense ba ile ba kaiwa fa ba timetse go tloga ka ngwaga wa 2018. Sebueledi sa sepodisi, Mokolonele Adele Myburgh o boleletse ba dikgang tsa rona mo nakong e e fetileng gore, go tswa go batho ba le 1610 ba go kailweng ba timetse, ke fela bale 536 ba ba iseng ba bonweng.
“Ke batho ba le 1610 ba ba ileng ba begwa fa ba timetse go tloga ka 1 Ferikgong 2018, mme ba le 536 ga se ba bonwe. Jaaka sepodisi, ga re belaele fa gona le segongwana se se dirang ka go utswa batho mo porofenseng.
“Fa gona le dipelaelo tseo, ba lephata la diphakalane kgotsa The Hawks, batla batlisisa ntlha eo fela bontsi jwa sebaka, matseka ke one a batlisisang bontsi jwa dikgetsi tsa batho ba ba timetseng. Jaaka sepodisi, re tsweletse ka metseletsele le go tsibosa baagi ka go timela ga batho,” Myburgh wa tlhalosa.
Mongwe wa baagi, Patricia Naledi are ba sentse ba le mo botlhokong jwa go timelelwa ke motsadi wa bone. Kgalalelo Naledi (79) go tswa kwa motseng wa Cokonyane, one a begwa fa a timetse mo kgweding ya Diphalane 2022, mme le go fitlha ga jaana ga se a bonwe.
Lekgarebe la kwa Modutung gaufi le Magogong, Oratile Mothibi (18), le ene o ne a timela morago ga ma gatwe a gore o kgorogetswe ke banna bangwe ba ba sa itseweng kwa sekgweng, fa a ne a tsamaya le bo monnawe.
Go bigilwe fa banna bao, ba ile ba mo thopa ka dikgoka.
Gape bana ba le babedi go tswa kwa motse-setoropong wa Boitumelong, gaufi le Bloemhof, Rethabile Tshabadira (3) le Matseleng Nteta (7) le bone ba sentse ba timetse morago ga go ya kwa lebenkeleng go ya go reka dimonamone, mme ga senke ba bonwe gape.
No the police are lying there is that syndicate that kidnapp people for rituals in North west province, people have complained about white Toyota tazz and other cars roaming the streets of Mamusa, Vryburg and Klersdorp.
LikeLike