Mokatisi wa Taung Mega Stars FC are o na le tshepo!


Ka OBAKENG MAJE

Le fa setlhopa sa kgwele ya dinao sa Taung Mega Stars FC se se tshamekang mo liking e potlana ya ABC Motsepe se tsweletse go latlhegela, mokatisi wa setlhopa, Keaobaka Makoloi are o sentse ana le tshepo.

Makoloi are, batlile go dira botokwa thata, mme balatedi ba setlhopa ba se fele pelo.

“Jaaka mokatisi wa setlhopa, ke na le tshepo mo setlhopheng saka, mme ke solofela fa seemo se tlile go tokafala e se kgale. O tla gopola gore, legato la bobedi ga se le tshimolole, jaanong ke tshepa fa re tla be re tokafetse thata mo nakong eo.  

“Ga gona matsapa a ma kalo mo setlhopheng, ebile go na le ba tshamiki ba bantsha ba re ba kwadisitseng. Ke fela gore, re tshimolotse ka bonya mo metshamekong ya rona e e fetileng. Fa re tla go lebelela, re nositswe dino dile dintsi thata,” Makoloi wa tlhalosa.

O kaile fa ba ne ba lebagane le ditlhopa tse di popota jaaka Black Eagles FC ba eleng bone ba di gogang kwa pele mo liking, ga mmogo le ditlhopa di sthwana jaaka Soccer Institute FC le Maberethe FC tse di ileng tsa ba ruta kwa diphala dinwang metsi gone.

Makoloi are, fa o ka ela tlhoko, bontsi jwa ditlhopa tse, di ne di lwela maemo a kwa godimo mo setlheng se se fetileng. Gape are, malobanyana fa, ba ne ba tshameka le setlhopa sa Bokone FC kwa lebaleng la Reivilo, mme ba latlhegelwa ka dino dile tharo go ele nngwe.

“Fa re bua nnete, setlhopa se, sena le letseno le le tsitsibanyang mmele. Jaanong seo se ba kgontsha go ka reka batshamiki ba ba diphatsa. Gape se sengwe se eleng tlhoba-boroko, go le gantsi re tshameka metshameko ya rona go sena balatedi.

“Seo se dira gore setlhopa se seka sa nna le tatedi e namatshang, mme le ba letsa-phala ba feleletsa ba tsaya ditshwetso tse di ikabang ka letlhakore. Ga ke batla go bua dikgang dipe tse di sa totobalang gore a ka gongwe baletsa-phala ba newa pipa-molomo kgotsa jang,” wa tlahosa Makoloi.  

Makoloi are, one a ka itumelela go bona bontsi jwa batho bo katla go lebelela metshameko ya bone. Are, seo se ne se tla thusa le go lemotsha balatedi gore ba lebagane le eng.

Kgabagare, Makoloi are, batshamiki ba gagwe ba leka, ebile ba diragatsa bontle.

“Fela dilo dingwe di feleletsa di re busetsa kwa morago. Jaanong, ke kamo ke ikuelang go balatedi ba rona ba Taung go ka tla go re fa kemo-nokeng. Gape, matsapa ke mabala a rona a a sa siamelang go ka tshameka metshameko ya selebo se mo toropong ya rona ya Taung.

“Jaanong, mabala a a siametseng go ka tshameka a mabedi fela. Ke lebala la kwa Reivilo ga mmogo le kwa Ga-Taote. Fela mabala a, a kgakala le balatedi ke ka moo re sa boneng thologelo e e namatshang,” Makoloi wa tlhalosa.  

Makoloi o ikuetse go masepala o mogolwane wa Taung go ka netefatsa fa mabala a tshwana le Taung Sportsground, lebala le le ntsha la kwa Manokwane ga mmogo le Manthe Sports Cover ground a mo seemong se se siameng, gonne ba ka rata go a dirisa.

Are, setlhopa sa gagwe se setse se tshamikile metshameko e le robedi.

“Mo metshameko eo yotlhe, re setse re tshamekile metshameko ele tlhano koo. Jaanong, seo se go bontsha gore, re tlile go nna le metshameko ele mentsi e re tlileng go e tshamekela mo gae mo legatong la bobedi,” Makoloi wa tlhalosa.

taungdailynews@gamil.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.