Kolojane e e nang le ditshobotsi tsa motho ga se ya kwa Vryburg!   


Ka OBAKENG MAJE

Sepodisi sa Afrika Borwa kwa Vryburg, se ganeditse magatwe a tletse-tletseng mo maranyaneng a boitapoloso gore, ba batlana le monna mongwe o go kaiwang a iphantse ka kolobe, mme a e direla kolojane e e nang le ditshobotsi tsa motho.

Seno, se tla morago ga gore, setshwantsho sa kolojane e e nang le ditshobotsi tsa motho, go kaiwa fa ele ya kwa motse-setoropong wa kwa Huhudi, gaufi le Vryburg.  

Monna mongwe yo o ipitsang Executive Onewang mo maranyaneng a Facebook, one a tlhagisa setshwantsho seo mo maranyaneng a boitapoloso, mme a kaya fa badiri ba forensiki kwa Vryburg, ba batlana le monna mongwe o masole a gagwe a mmele a netefaditsweng fa a tshwana le a kolojaneng eo.

Go ya ka Executive Onewang, seo se diragetse mo letsatsing la maabane. Gape, o kaile fa tiragalo e, e tlogetse baagi ba gamaregile mme mong wa kolobe eo a ne a se teng go ka ikarabela.

Fela, sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer, Tryphosa van Rooyen o ganeditse di pego tseo. Van Rooyen are, ga gona kgetsi epe ya mothale o, e e butsweng kwa sepodising.

“Ga gona sesupo sa kgetsi ya mothale o. Seno, e ka tswa ele mongwe fela wa bo marata-helele, mme a batla go bonwa,” van Rooyene wa tlhalosa.

O kgadile thata tiriso e e botlhatshwa ya mafaratlhatlha, mme o ikuetse mo bathung go ka tlhotlhomisa dintlha tsa kgang pele ba e phasalatsa.

Kgabagare, mo ngwageng o fetileng, go ne ga phasaladiwa video mo mafaratlhatlheng a boitapoloso e mo go yone, monna mongwe one a bonwa a kgaola mosadi mongwe tlhogo ga mmogo le bosadi jwa gagwe ka thipa.

Video eo, ene ya tlisa tlhatlharuwane ka go ne go begwa fa tiragalo e setlhogo e, e diragetse kwa Vryburg. Fela, basepodisi ba ne ba kaya fa magatwe ao ese boammaruri, ebile video eo e sa diriwa mo nagageng ya Afrika Borwa.

Ba setheo sa cits.ucsb.edu, ba kaile fa go le mabaka ale mantsi a ka dirang gore batho ba phasalatse dikgang tsa maaka mo mafaratlhatlheng a boitapoloso. Go ya ka setheo se, seno se ka dirwa ka maikaelelo a go baka dikhuduego magareng ga baagi, kgotsa ele mokgwa mongwe wa go tsietsa baagi.

“Go le gantsi, dikgang tsa maaka di dirisiwa go ka tsietsa menagano ya batho. Thata jang mo dipolotiki, le go ka bapatsa dingwe tsa dikgwebo. Gape, go le gantsi se dirisiwa go ka baka dikhuduego.

“Fela, seno se kotsi gonne bontsi jwa batho, ga ba kitla ba tlhola ba nna le tshepo mo go sengwe le sengwe se ba se balang. Go botlhokwa thata gore baagi ba efoge dikgang tsa maaka, mme ba batlisise bo nnete jwa seso sa kgang pele ga ba ka dumalana le yone.”

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.