Graphic image: Mosimanyana o tlhabilwe ka thipa mo ntweng ya digongwana


Setshwantsho: Mosimanyana o tlhabilwe ka thipa

Ka OBAKENG MAJE

19 Ngwanatsele 2026 – Baagi ba kwa motseng wa Tlakgameng, gaufi le Ganyesa, ba re digongwana tsa bosenyi di iphetotse botubi jwa ntho ya tlhogo kwa motseng wa bone. Se, se tla morago ga gore mosimanyana wa dingwaga di le 18 a tlhabilwe ka thipa.

Go begwa fa digongwana tse, di ipitsa ka maina a farologaneng jaaka Nthumula o Nyele, Motsetsi Ga Ralalwe le Materena go tse dingwe.

Sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen are go begwa fa setlhopa sa basimanyana se ne se dutse kwa lebekeleng fa se ne se tlhaselwa ke sengongwana se sengwe. Van Rooyen are bontsi jwa basimanyana ba, ba ile ba kgona go tshaba, fela mosimanyana wa dingwaga di le 18, e ne ya nna mojo wa manong.

“Motswasetlhabelo o ne a tsatsankiwa ka thipa mo sefatlhegong le mo mokwatleng mo ntweng e. Go fitlha ga jaana sepodisi ga se se tshware ope, fela se mo motlhaleng wa mmelaelwa. Go butswe kgetsi ya go itaya ka maikaelelo a go ntsha dikgobalo tse di masisi,” van Rooyen wa tlhalosa.

Mongwe wa baeteledipele ba baagi, Keaotshepa Tlhajwane are jaaka baagi, ba ile ba nna le kopano kwa kgotlheng ka Labobedi go tla ka tharabololo mabapi le kgang e. Tlhajwane are jaaka baagi, ba tshwenyegile gonne seno se fetotse motse wa bone matantabelo a digongwana tsa bosenyi.

“Go na le moeteledipele wa digongwana tse, mme go fitlha ga jaana sepodisi se mo tshwere. Mapodisi a ile a kgona go ba amoga dibetsa tse di kotsi tse ba di dirisang mo dintweng tse tsa bone tsa digongwana. Ke baithuti ba kwa sekolong sa Sebetwane ba ba amegang mo digongwaneng tse.

“Go utlwala fa digongwana tse, di lwela tlhoro e e ratiwang thata ke baagi ba kwa nageng ya Lesotho. Digongwana tse, di lwela gore ga wa tshwanelwa ke go rwala tlhoro eo o sa itse moono wa yone. Digongwana tse, di tshimolotse ngwaga o fetileng,” ga rialo Tlhajwane.

Tlhajwane are se se utlwisang botlhoko ke gore digongwana tse, di tsweletse go tlhorontsha bagolo. Are fa ba fitlha kwa le lapeng la gago ba go batla, mme fa ba sa go fitlhele, ba lelapa la gago ba tla digamma bas a di tlhapela.

“Fa ba go fitlhela o seo, ba tsena mo ntlung le go utswe. Jaanong re tshotse tshwetso ya gore re tlile go thusana le sepodisi ka go paterola motse. Go na le mosimanyana mongwe o tshwentse mo motseng, mme ebile go bontsha fa e le ene moeteledipele wa digongwana tse.

“Mosimanyana o, kgale a tshwerwe a le kwa ntlolefitshwana, mme o tswile. Mosimanyana o fa a seo mo motseng, ga re itemogele digongwana. Fela fa a ka tswa kwa ntlolefitshwana, re tla simolola re itemogela dintwa tsa digongwana. Ga jaana, sepodisi se mo tshwere,” ga rialo Tlhajwane.

taungdailynews@gmail.com