ANCYL e laela basha go tla ka makwalo-ipolelo kwa moletlong wa basha


By OBAKENG MAJE

16 May 2026 – Mokgatlho wa basha wa lekoko la ANC mono Bokone Bophirima wa re o amogela pegelo e e ntshitsweng ke mokgatlha wa ANCYL wa bosetshaba mabapi le matshwenyego a farafereng naga ya Afrika Borwa. Mokgatlho wa basha wa lekoko la ANC mono porofenseng, wa re o itlamile go sireletsa kgololosego ya lekoko la ANC, mme ba kgala ka bogale maiteko otlhe a dirisang molao go ka iponela dintlha tsa sepolotiki.

Mokwaledi wa ANCYL mono Bokone Bophirima, Brian Huma are jaaka mokgtlho wa basha, ba ema kgatlhanong le maiteko mangwe le mangwe a tla diriwang go kgoreletsa tsamaiso le botsitsi mo nageng ka mokgwa wa tiriso ya bobegadikgang le sepolotiki. Huma are ga jaana, bontsi jwa basha mo porofenseng, ba lebane le botlhoka-tiro jo bo tseneletseng.

“Diketekete tsa basha mo porofenseng ya Bokone Bophirima ga ba dire le fa ba na le dithutego tse di maleba. Re ema nokeng puo ya bosetshaba ya gore go nne le tsibogo. Re dumalana le puo ya gore a go nne le tumalano le seelo sa go thapa basha mo pusong le kwa ditheong tsa poraevete (Urgent interventions, including the gazetted Youth Employment Sector Code and measurable employment targets from both government and the private sector).

“Ditheo tse di dirang mo porofenseng di tshwanelwa ke go bontsha matshwenyego, mme di dire ka bojotlhe gore di tsenye letsogo mo go tlholeleng basha ditiro. Re akgola tsitsinyo ya gore letsatsi la Laboraro e nne la thebolo ya ditirelo (Service Delivery Wednesdays). Porogerama e, e solofetswe go ka thankgololwa ka kgwedi ya Phukwi mono ngwaga,” Huma wa tlhalosa.

Huma are thebolo e bokoa ya ditirelo jaaka tlhokego ya metsi, kgaogo ya motlakase e e sa rulaganngwa, ga mmogo le matlakala a sa tseweng, di tsweletse go iphetola nta ya tlhogo go baagi ba rona. Huma are jaaka ANCYL, ba tlile go tswelela le go lekola gore a di meiyara, balekgotlha ga mmogo le batsamaisi ba dimasepala ba dira tiro sentle le go ba rwesa maikarabelo.

“Jaaka ANCYL mo Bokone Bophirima, re tshwenyegile thata mabapi le go tlhorontshiwa ga batswakwa ba ba seng mo molong ba ba thapiwang le go duelwa madi a kwa tlase. Seo, se diragala thata kwa makaleng a tshwana le tsa dikago (construction), kgwebo le temo. Seo, se etegetsa botlhoka-tiro mo porofenseng.

“Ka jalo, re ikuela go Lefapha la Bodiri le Khiro go ka netefatsa fa go dirwa dilo tse di maleba mo porofenseng. Re ikuela go maloko a rona a ANCYL, mekgatlho e farologaneng ya basha ga mmogo le baagi ka kakaretso go ka tla ka makwalo-ipolelo (Curriculum Vitae) ka letsatsi la basha la di 16 Seetibosigo le go a neela puso,” Huma wa tlhalosa.

Are ba tlhoka di karabo mabapi le botlhoka-tiro jo bo jeleng setsi mo nageng. Huma are motsotso o, o tshwanelwa ke go rotloetsa basha le go ba gopotsa go lwela ikonomi e botokwa le matlafatso.

“Jaaka ANCYL, re ikana go tswelela go sireletsa kgologosego le moruo wa naga ya rona,” Huma wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com