Lekgarebe le timetse


Ka REGINALD KANYANE

3 Phatwe 2026- Sepodisi sa kwa Boitekong se kopa go batlisiwa Lona Matshomekwane (19), wa kwa Ramochana, gaufi le Boitekong kwa Rustenburg. Go begwa fa Matshomekwane a ile a timela, mme a bonwe labofelo ke mmagwe ka Labone bosigo kwa legaeng la gagwe.

Sebueledi sa sepodisi mono porofenseng ya Bokone Bophirima, Sarasanta Kelebogile Morake are sepodisi se ile sa bolotsa letsholo-patlo fela ga gwa nna le nko e tswang lemina. Morake are ka motsi wa fa Matshomekwane a timela, one a apere borokgwe jo bo pududu ka mmala, jeresi e pinki le diteki tse dintsho.

“Matshomekwane ke motho o montsho ka mmala, le mmele o motona. O na le moriri o mokhutswane o montsho wa se-Afrika. Mongwe le mongwe o a ka tswang a na le tshedimosetso mabapi le go timela ga ga Matshomekwane a ka letsetsa mmatlisisi wa kgetsi Sergeant Tumelo Christina Netshimbupfe mo nomoreng ya mogala ya 076 510 8638.

“Kgotsa ba ka letsetsa seteisheneng se se gaufi sa sepodisi kgotsa dinomoro tsa sepodisi tsa 08600 10111. Gape, baagi ba ka romela molaetsa jaaka tlhoka-ina go MySAPS App go tswa mo megaleng ya bone ya letheka,” Morake wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com