
Ka OBAKENG MAJE
22 Moranang 2025- Monna wa kwa motseng wa Longaneng, gaufi le Taung, o tlhokafetse morago ga go thuntsiwa. Go begwa fa moswi, Tumisang Kodisang, ane a tsamaya le ditsala tsa gagwe mo sejanageng magareng ga motse wa Longaneng le Mothanthanyaneng mono Taung ka Lamatlhatso fa ba ne ba kgorogelwa ke banna ba le babedi ba ba itsiweng.
Go begwa fa banna bao ba kwa motseng wa Dikhuting, ba ne ba tlhasela Kodisang le go mo thuntsa. Go ya ka dipego, banna bao, ba ile ba bega fa ba tlile ba fapana le Kodisang ka mafoko mo dingwageng tse di fetileng.
Sebueledi sa lelapa la kwa ga Kodisang eleng malomagwe moswi, Lentikile Lucas are bone jaaka lelapa, ga ba itse gore go ka tswa go diragetseng. Lucas are sepodisi se ne se etetse lelapa ka letsatsi la Tshipi.
“Jaaka lelapa tiragalo e, e re utlwisitse botlhoko. Jaanong kgetsi e butswe, mme sepodisi se ile sa goroga kwa lelapeng. Batho ba ba itseng gore go diragetseng, ke ba ba neng ba tsamaya le Tumisang, mme rona jaaka lelapa re mo kakabalong,” Lucas wa tlhalosa.
Kgabagare, sebueledi sa sepodisi mono Bokone Bophirima, Mokaptein Mpho Manyoba are moswi one a rwalelwa kwa bookelong jwa sedika jwa Taung ke banna ba ba sa itsiweng morago ga tiragalo e. Manyoba are banna bao, ba ile ba tsamaya morago ga go mo isa kwa bookelong.
“Kodisang one a le mo maemong a bosisi fa a ne a amogelwa kwa bookelong. Fela, o ile a tlhokafala moragonyana. Moswi one a na le ntho ya sethunya, mme kgetsi ya polao e ile ya bulwa.
“Ga gona ope o tshwerweng go fitlha ga jaana, mme dipatlisiso di tsweletse,” Manyoba wa tlhalosa.