
KEDIBONE MOLAETSI
4 Phatwe 2025- Monna o tlhotse a atlholetswe botshelo jotlhe kwa kgolegelong ke kgotlhatshekelo ya sedika ya Taung mo letsatsing la gompieno. Kabelo Vincent Mogongwa (47) o bolaile lekgarebe la gagwe, Tsholofelo Nde Emphukile (38), ka go mo thuntsha ka sethunya se laesense ya sone e fitilweng ke nako.
Go begwa fa Mogongwa a ile a tshwarwa morago ga dipego tse. Go ya ka lephatha la bosekisi, Mogongwa o rerile loso la kgarebe ya gagwe pele ga a ka mo thuntsha.
Go begwa fa lekawana le, le lekgarebe la gagwe, ba ne ba dula botlhe kwa phaphosing e e hirilweng kwa motseng wa Khibitswane, gaufi le Taung. Go ya ka sebueledi sa sepodisi mo Bokone Bophirima, Mokaptein Aaftje Botma, yo ga jaana a rotseng tiro, moagisani wa monna o, o ile a tlhalosetsa sepodisi fa baratani ba, ba gorogile ka ura ya bongwe mo mosong, mme go ile ga tsoga kgakgauthano magareng ga bone.
“Moagisani o kaile fa a utlwile modumo wa sethunya. Sepodisi se ile sa biletswa kwa lefelong la tiragalo, mme se ile sa fitlhela moswi mogare ga bophadiphadi jwa madi.
“Sepodisi se ile sa patelesega go ka shaga burglars, gore ba kgone go tsena mo ntlung. Molatofadiwa o ile a tshwarwa, mme one a ganelwa ka beile,” Botma wa tlhalosa.






