
Ka OBAKENG MAJE
7 Tlhakole 2025- Baagi ba kwa motseng wa Leshobo, gaufi le Taung, ba mina ka nko ele nosi mme ba ikuela go puso go tswala mabenkele (spaza shops) tsotlhe kwa motseng wa bone gore go diriwe ditlhatlhobo. Se setla morago ga gore moithuti wa kwa sekolong se se potlana sa Leshobo, a reke mazimba kwa lebenkeleng lengwe, mme a lwala.
Go ya ka moeteledipele wa baagi, Shimmy Gaseranye, tiragalo e, ke ya letsatsi la Laboraro. Gaseranye are go begwa fa baithuti ba ile ba go reka mazimba, mme gwa fitlhelwa fa a na le dipilisi mo teng.
“Ka maswabi, ngwana o jeleng mazimba ao, o ile a tlhaka-tlhakana. O ile a tabogisetswa kwa kliniking, mme kliniki yone e ile ya mo romela kwa bookelong jwa selegae jwa Taung.
“Re ikuela go batsadi go ela tlhoko fa bana ba sa reke mazimba kwa mabenkeleng a ba tswa kwa. Go begwa fa batlhatlhobi ba dijo go tswa kwa masepaleng wa sedika wa Dr Ruth Segomotsi Mompati, ba ile ba etela lebenkele leo, le go tlhatlhoba dijo tsotlhe tse di rekisiwang koo,” Gaseranye wa tlhalosa.
Are, jaaka baagi, ga se maikaelelo a bona go baka ditlhakatlhakano, fela ba ne a tlile go kopa mong wa lebenkele go le tswala, mme go diriwe dipatlisiso. Gaseranye are, batlhatlhobi ba setse ba tshotse mazimba ao, mme ba setse ba bone gore a rekilwe kae.
“Jaanong, potso ya rona jaaka baagi ke gore, ra reng ka mabenkele a mabapi a le one a rekileng mazimba teng kwa mong wa lebenkele le a rekileng teng? Jaaka re bua jaana, bana ba bangwe le bone ba tsweletse go ja mazimba go tswa kwa mabekeleng a mabapi,” Gaseranye wa tlhalosa.
Sebueledi sa Lefapha la Boitekanelo mo Bokone Bophirima, Lucas Mothibedi are, ke nnete ngwana wa dingwaga di le 15, o amogetswe kwa bookelong jwa selegae morago ga go ja mazimba. Mothibedi are, go begwa fa ngwana o, a rekile mazimba go lebenkele lengwe mme o ile a lwala.
“Molwetsi o, o gorogile kwa bookelong jwa Taung a tlhatsa, mme a shupa gape fa ana le ditlhabi. Dingaka ga mmogo le baooki, ba ile ba mo thusa. Mme go fitlhelela ga jaana, molwetsi o, o mo maemong a siame,” Mothibedi wa tlhalosa.
Kgabagare, mokhudutahmaga wa dipuso selegae, ga mmogo le tsamaiso ya segosi, Oageng Molapisi are: “Go ya kwa mafelelong a ngwaga, naga e ile ya itemogela dikgetsi di le dintsi tsa bana ba ba tlhokafalang mabapi le go ja dijo tse bontsi jwa tsone direkilweng kwa mabenkeleng (spaza shop) a selegae.
“Go latela go tlhatlhoga ga dikgetsi tseo, mopresidente Cyril Ramaphosa, o ile a kopa gore mabenkele (spaza shops) otlhe, ga mmogo le ditheo tse di rekisang dijo, di ikwadise kwa di masepaleng tse di farologaneng pele ga matsatsi a le 21.”
Molapisi are fela nako ya ikwadiso ile ya okediwa go fitlha ka di 28 Tlhakole 2025. Are go nnile le dintsho tse di bakilweng ke dijo tseo tse di kgotlhelegileng mo porofenseng, ebile go nnile le dikgetsi di le 85 tse di kwadisitsweng, ga mmogo le dintsho di 5.

