Kgetsi ya polao kgatlhanong le banna ba le bane ba kwa Manthe e buseditswe morago


OBAKENG MAJE

6 Motsheganong 2025- Kgetsi ya polao kgatlhanong le banna ba le bane ba kwa motseng wa Manthe, gaufi le Taung, e buseditswe morago ke kgotlhatshekelo ya Taung go fitlha di 19 Motsheganong 2025. Se se tla morago ga gore mongwe wa balatofadiwa mo kgetsing, Thabang Lenyai (25), a itsise lekgotlha fa a batla mmueledi o mongwe.

Lenyai o tlhaloseditse lekgotlha fa a sa tlhole a batla go buelelwa ke advocate Mokhutsane yo a emetseng bone bo.

Mmeteledi, Bakang Katong (32), yo o atlholetsweng dingwaga di le robedi kwa kgolegelong mo kgetsing ya petelelo, ene o itsisitse lekgotlha fa a ipona molato mo ditatofatsong tsotlhe kgatlhanong le ene mo kgetsing e. Balatofadiwa nae, Thabang Lenyai, Katlego Mosimege (33) le Phenyo Katong (36), bone ba tlhalositse fa ba sa ipone molato.

Mo tshimologong, go ile ga nna le menyenyetsi ya gore Lenyai ga mmogo le Katong, ba tlile go ipona molato mabapi le ditatofatso kgatlhanong le bone, fela seemo se fetogile go fitlha ga jaana. Go ya ka menyenyetsi, Katong o ile a tshepisa Lenyai madi a kanang ka R300 000 gore ba rwale kgetsi e ya polao mmogo, fa mogoloe, Phenyo le Mosimege ba ka se ipone molato gore ban ne le tsholo ya go tsweletsa dikgwebo kwa ntle.

Fela go ya ka ditatofatso tse di sa tlhomamang, Katong ga a ka a neela Lenyai madi ao, ke ka moo a fetolang lewa.

Balatofadiwa ba ile ba tshwarwa dingwaga di le tharo tse di fetileng morago ga go latofadiwa ka go bolaya Thabiso Mothibedi (35), setlhogo.

Go begwa fa ba ile ba mo teketa le go mo golegelela mo generateng. Seno se tla morago ga gore ba mo latofatse ka go ba utswetsa madi a seatleng a lekang ka R20 000 le motsoko wa R600.

Sebueledi sa sepodisi mo Bokone Bophirima, mokaptein Sam Tselanyane, o ile a tlhalosetsa ba lekwalo-dikgang la The Guardian Newspaper gore dipatlisiso di shupa fa tiragalo e, ele ya di 29 Moranang 2022. Tselanyane are go ile ga begwa fa moswi a ile a siela kwa motseng wa Longaneng.

“Fela, go begwa fa balatofadiwa ba ile ba tswa letsholo le go mo latela. Go begwa fa go gorogeng ga bone kwa motseng wa Manthe, ba ile ba mo gokelela mo generateng, mme ba mo teketa go fitlhelela a tlhokafala.

“Go begwa fa balatofadiwa ba ile ba tabogisetsa moswi kwa kliniking ya selegae fa ba bona a neela mowa. Baoki ba ne ba tlhalosa fa go se sepe se ba ka se dirang go boloka moswi, gonne one a setse a balelelwa le badimo,” Tselanyane wa tlhalosa.

Kgabagare, ka di 1 Motsheganong 2022, baagi ba ile ba bolotsa mogwanto kgatlhanong le balatofadiwa, mme ba ile ba fisa matlo a bone a le mararo mo tiragalong e. Gape, baagi ba ile thuba le go senya ntlo-maitiso ya balatofadiwa, mme ba itseela le nnotagi.

Go begwa fa Katong le Lenyai ba boleletse lekgotlha ka mokgwa wa tiriso ya lekwalo gore, ba ipona molato mo ditatofatso tsotlhe kgatlhanong le bone, mme ba tlhalositse fa Mosimege le Phenyo, ba ne ba sena seabe mo tiragalong e.

Mo letlhakuring le lengwe, bosekisi le bone bo tlhalositse fa boitekanetse go ka tswelela ka tsheko, mme bo shupa fa bona le kgetsi e kwenneng kgatlhanong le banna ba, ba le bane.

taungdailynews@gmail.com