Monna o atlholetswe botshelo jotlhe kwa kgolegelong morago ga go bolaya mokapelo wa gagwe

Ka OBAKENG MAJE

26 Seetebosigo 2025- Lekawana le le latofadiwang ka go tlhaba le go bolaya lekgarebe la gagwe kwa motseng wa Lokgabeng, gaufi le Taung, le tlhotse le atlholetswe botshelo jotlhe kwa kgolegelong ke kgotlhatshekelo ya Taung, morago ga go ipona molato. Mmolai, Simon Molale (22), one a tshwarwa morago ga go tlhaba le go bolaya lekgarebe la gagwe, Tshepiso Medichane (21) ka thipa ka ngwaga wa 2024.  

Go ya ka mongwe o boneng ka matlho, Molale, one a tlhabakaka Medichane, mme a tshaba kwa lefelong la tiragalo fa a bona batho. Fela, go begwa fa ba lelapa la gagwe ba ne ba mo tshwara le go mo isa kwa seteisheneng sa sepodisi sa Taung di ura morago ga tiragalo. 

Kgabagare, sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen are Molale one a tshwarwa le go latofadiwa ka polao ya ga Medichane.

“Ke nnete molatofadiwa mo kgetsing e ya polao o tshwerwe. Molatofadiwa one a isiwa kwa seteisheneng sa sepodisi ke ba lelapa la gagwe.

“One a na le dikgobalo, mme o ile a amogelwa kwa bookelong jwa selegae. Molatofadiwa o lebagane le kgetsi ya polao, mme thipa e e dirisitsweng go bolaya moswi ene ya fitlhelwa kwa lefelong la tiragalo.”

taungdailynews@gmail.com

Monna o latofadiwang ka go bolaya mokapelo wa gagwe o tla nama a letile kwa ntlolefitshwaneng

Ka OBAKENG MAJE

Kgetsi ya polao kgatlhanong le lekawana le le latofadiwang ka go tlhaba le go bolaya lekgarebe la gagwe kwa motseng wa Lokgabeng, gaufi le Taung, e buseditswe morago go fitlha ka di 9 Lwetse 2024. Molatofadiwa, Simon Molale (22), o tla nama a letile kwa ntlo-lefitshwaneng, mme se se tla morago ga gore kgotlhatshekelo ya Taung, e busetse kgetsi e morago mo letsatsing la gompieno, gonne magistrata mo kgetsi e, a ne a seo.

Go begwa fa Molale a bolaile Tshepiso Medichane, mme sebakwa sa tiro e, se sa itsiwe. Go ya ka mongwe o boneng ka matlho, lekawana le, lene la tlhabakaka lekgarebe le, mme one a tshaba mo lefelong la tiragalo fa a bona batho.

Fela, go begwa fa ba lelapa la gagwe ba ne ba mo tshwara le go mo isa kwa seteisheneng sa sepodisi sa Taung di ura morago ga tiragalo.  