Setopo sa monna se ntshitswe kwa nokeng


Ka BAKANG MOKOTO

21 Phukwi 2025- Setopo sa ga Pabalelo Fititi Chapman (19) se se neng se setse se senyega, se bonwe kwa molapong kwa motseng wa Mokassa, gaufi le Taung, mo letsatsing la Labotlhano. Go begwa fa Chapman a ne a timela fa kgwedi ya Seetebosigo e tlhola matsatsi a le 29.

Sebueledi sa sepodisi mono Bokone Bophirima, Lieutenant Colonel Sam Tselanyane are mongwe wa losika o a neng a adimile moswi baki, one a e bona kwa thoko ga ditshitshi tsa noka. Tselanyane are sepodisi se ile sa itsisiwe, mme ba leba kwa nokeng eo.

“Sepodisi se ile sa bona setopo sa moswi se kaola-kaola mo godimo ga metsi. Ba lephata la sepodisi se se sapang ba ile ba bidiwa, mme ba ntsha setopo seo sa ga Chapman mo metsing. Moswi o ile a netefadiwa ke ba losika fa ele Chapman, mme sebakwa sa loso se tla itsisiwe morago ga diteko tsa loso.

“Go fitlha ga jaana, dipatlisiso di tsweletse,” Tselanyane wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com