
Ka OBAKENG MAJE
Sepodisi se kaile fa dipatlisiso mo polaong ya monna wa dingwaga di le 47 wa kwa motseng wa Khibicwane, gaufi le Taung, di tsweletse pele. Seno se tla morago ga gore sepodisi se bone sejanaga sa ga Otimilwe Michael Mosimane kwa motseng wa Magogong mo bekeng e e fitileng.
Go begwa fa Mosimane a ne a timela ka di 3 Ngwanatsele 2023. Fela, setopo sa gagwe se seneng se hapilwe matsogo, sena le dintho tsa go teketiwa, ebile se kgaotswe kgokgotso, se ne sa bonwa kwa motseng wa Majaneng ka di 5 Ngwatsele 2023.
Fela ka nako eo, sepodisi se ne se sa itse gore ke setopo sa ga mang, gonne se ne se rurugile. Morago ga dipatlisiso, sepodisi se ile sa tlhalosa fa setopo seo se seneng se beilwe kwa mmoshareng wa puso kwa Vryburg, ele sa ga Mosimane.
Mo bekeng e e fitileng, sebueledi sa sepodisi mo Bokone Bophirima, Mokaptein Aaftje Botma, o ile a netefaletsa ba lekwalo dikgang la rona la Taung DailyNews fa setopo sa ga Otimilwe, se bonwe. Botma are ga jaana, kgetsi ya polao e ile ya bulwa, mme dipatlisiso di tsweletse.
“Re tla netefatsa gore setopo sa moswi se ne se teketilwe, mme re santse re emetse dipholo tsa morago ga loso. Ga gona yo o tshwerweng mo kgetsing e go fitlha ga jaana,” Botma wa tlhalosa.
Kgabagare, sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen are: “Ke nnete sejanaga sa moswi se bonwe kwa legaeng lengwe kwa Magogong. Fela go fitlha ga jaana, ga go ope o tshwerweng, mme mmelaelwa o a fitlhetsweng ka sejanaga seo, o ineile naga.”
taungdailynews@gmail.com