Ngwana o tlhokafetse morago ga go ja setsidifatsa-mmele kwa Matolong


Ka OBAKENG MAJE

27 Sedimonthole 2024- Sepodisi sa Taung se kaile fa se butse kgetsi ya morago ga loso. Se se tla morago ga gore, ngwana wa dingwaga di le 5 go begwe fa a tlhokafetse morago ga go ja setsidifatsa-mmele (ice guava). Tiragalo e, e diragetse kwa motseng wa Matolong, gaufi le Taung, mo letsatsing la 25 Sedimonthole 2024.

Go ya ka sebueledi sa sepodisi mo Bokone Bophirima, Colonel Adele Myburgh, mosetsanyana o, one a fiwa setsidifatsa-mmele ke mongwe wa ditsala tsa gagwe fa ba ne ba tshameka. Myburgh are, go begwa tsala ya moswi, a ile a go reka setsidifatsa-mmele seo kwa lebekeleng la selegae.

“Go begwa fa ngwana o, a ile a tlhakatlhakana le go tabogisediwa kwa bookelong jwa selegae. Mosetsanyana o, one a tlhokafala metsotsonyana fela morago ga go goroga kwa bookelong.

“Kgetsi ya morago ga loso e butswe, mme dipatlisiso di tsweletse. Go fitlha ga jaana, ga gona ope o tshwerweng,” Myburgh wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com