
Ka OBAKENG MAJE
12 Motsheganong 2025- Sepodisi sa Taung se batlisisa kgetsi ya polao ntle le maikaelelo. Se se tla morago ga gore monna wa dingwaga di le 31, a tlhokafale mo kotsing ya sejanaga.
Go begwa fa sejanaga sa modiro wa Polo Volkswagen le sa Citi Golf Volkswagen, di ile tsa thulana ka dinko mo tseleng e magareng ga motse wa Mokassa 2 le Lokgabeng, gaufi le Taung, mo letsatsing la Tshipi.
Go ya ka sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen are moswi, Lebogang Dhlomo yo go begwang fa ele moagi wa kwa motseng wa Buxton, gaufi le Taung, o ile a gaelelwa mo sejanageng se a neng a se palame modiro Citi Golf. Van Rooyen are Dhlomo o ile a tlhokafalela kwa lefelo la tiragalo, fa bapagami ba le bararo ba ile ba tabogisetswa kwa bookelong jwa sedika jwa Taung, morago ga go itemogela dikgobalo.
“Kgetsi ya polao ntle le maikaelelo e butswe, fela ga gona ope o tshwerweng,” van Rooyen wa tlhalosa.