Sepodisi sa Taung se tlile go dira ditlhomamiso (parade) mabapi le kgetsi ya polao ya kwa Magogong


Ka OBAKENG MAJE

6 Motsheganong 2025- Sepodisi sa Taung go begwa fa se tlile go tsweletsa ditlhomamiso ka mokgwa wa parade mo letsatsing la gompieno mo kgetsing ya polao e diragetseng kwa motseng wa Magogong, gaufi le Taung, fa kgwedi ya Moranang ene e tlhola matsatsi a le 20.

Se se tla morago ga gore monna wa dingwaga di le 36, Tembile Duncan Motlhanke, a bolawe kwa ntlung e rekisang nnotagi.

Go ya ka sebueledi sa sepodisi mono Bokone Bophirima, Colonel Adele Myburgh, Motlhanke o ile a ngatiwa ka tshipi ya sejanaga (wheel spanner) mo tlhogong le go tlhabiwa mo thamong. Myburgh are moswi o ile a wela kwa ntlung e rekisang nnotagi.  

“Go begwa fa rragwe moswi, a ile a mo tabogisetsa kwa bookelo jwa sedika jwa Taung ka masa a letsatsi la Tshipi go ka bona thuso ya potlako. Fela moswi o ile a tlhokafala moragonyana.

“Go fitlha ga jaana, ga gona ope o tshwerweng mabapi le polao e, mme ga se nnete gore sepodisi se goga dinao go ka tshwarwa babelaelwa. Go fitlha ga jaana, sepodisi se botsoloditse bangwe ba ba boneng ka matlho, fela ga ba kgone go ka toba badiri ba dilo tse,” Myburgh wa tlhalosa.

Myburgh are mongwe le mongwe o a ka tswang a na le tshedimosetso mabapi le polao e, a ka letsetsa mmatlisisi mo kgetsing e, eleng Sarasanta Setlholeng Frank Morweng mo dinomorng tsa 082 469 0293.

Kgabagare, go ile ga nna le magatwe a gore babelaelwa ba tiro e, ba romeletse mongwe wa batho ba ba boneng ka matlho molaetsa wa matshosetsi, mme ba mo itsise fa bone ba dula kwa motseng wa Dikhuting, ebile ba thuntsa go utlwala. Fela, Myburgh o ganeditse ditatofatso tse, mme o tlhalositse fa sepodisi se sa amogela dingongorego dipe go tswa go mongwe wa ba ba boneng ka matlho mabapi le se.

taungdailynews@gmail.com