Lelapa la ga Moabi le kopa thuso morago ga go shelwa ke ntlo 


Ka OBAKENG MAJE 

23 Lwetse 2024- Ba lelapa la ga Moabi kwa motseng wa Myra, gaufi le Taung, ba ikuela go mongwe le mongwe o ka thusang go ka tsenya letsogo. Se, se tla morago ga gore ntlo ya bone ya diphaphosi di le tharo, e jewe ke molelo. 

Go ya ka Seitebaleng Moabi, ba ne ba robetse, mme ba ile ba tsosiwa ke kgabo ya molelo mo gare ga bosigo ka di 8 Lwetse 2024. Moabi are, o ile a tshoga thata go bona ntlo ya bone e lakailwa ke molelo.

“Ke ile ka tsosa bana, mme ra bula letlhaba-phefo la phaphosing e ke neng ke robetse mo go yone. Re ile ra tswa ka letlhaba-phefo leo, gonne go ne go sena kwa re ka tswa teng ka ntlheng ya gore molelo one o setse o lakaila dikgoro. 

“Ka nako eo, molelo one o setse o taboga ka lebelo le le kwa godimo, mme re ile ra siela kwa ntlung ya ga ausi waka ga mmogo le bana. Re ile ra fitlha ra tsosa bana ba ga ausi waka le go ba lotlegela ka mathata are kopaneng le one,” Moabi wa tlhalosa. 

Are, ba ile ba leba kwa ntlung, le go tsosa batho ba bangwe mo motseng go tla go ba thusa go tima molelo. Fela Moabi are, ka maswabi, ga ba ka ba kgona go o tima, gonne one o setse o ile magoletsa. 

“Re shetswe ke makwalo itshupo, bana bone ba shetswe ke dibuka tsa sekolo ga mmogo le diaparo tsa sekolo (uniform). Fela se se botlhokwa thata se ke tla kopang go thusiwa ka sone go fitisa, ke diaparo tsa sekolo (uniform) tsa bana. 

“Ngwanake o dira Grade 11, mme ene o tsena kwa Maatla Secondary School kwa Pudimoe, fa o mongwe a dira Grade 8 kwa Thakung Secondary School, teng mo Myra,” Moabi wa tlhalosa. 

Kgabagare, modulasetilo wa bosetshaba wa lekoko la sepolotiki la F4SD, Mika Moeti are: “Ke gorogile kwa lelapeng leo, mme seemo sa teng ga se itumedise. Diaparo ga mmogo le dibuka tsa bana ba sekolo dishele lore-lore. 

“Ke nagana gore lelapa le, le tlhoka thuso. Jaanong, re ile ra buisana gape le ba Lefapha la Katlatlelo-Loago, mme ba tshepisitse gore ba tla romela kemedi ya bone go tla go thoba maloko a lelapa le maikutlo.”

Moeti are gape o buile le molekgotlha wa bone, fela o ba tlhaloseditse fa masepala o mogolwane wa Taung o se o tsiboge. Are ba ikuela go mongwe le mongwe o ka thusang lelapa le, go ka tsenya letsogo.  

taungdailynews@gmail.com