
Ka OBAKENG MAJE
2 Phatwe 2026 – Setopo sa monna o sa itsiweng se bonwe kwa masimo kwa motseng wa Maphoitsile, gaufi le Taung mo letsatsing la maabane. Se, se tla morago ga gore mofeti-ka-tsela a bone setopo sa monna se rapaletse mo tseleng, mme a itsise sepodisi.
Sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryposa van Rooyen are batlhankela ba thuso ya potlako (Emergency Medical and Rescue Services) ba ile ba bilediwa kwa lefelong la tiragalo. Van Rooyen are ba ile ba netefatsa fa monna o sa itsiweng o, a setse a tlhokafetse.
“Go fitlha ga jaana, ga re itse setlhola sa loso, mme seo se tla netefadiwa morago ga dipatlisiso. Sepodisi ga se belaele fa go ka tswa go na le letsogo la tshwene mo losong le,” van Rooyen wa tlhalosa.