Baagi ba kwa Tamasikwa ba ikepetse sediba  


Ka OBAKENG MAJE 

27 Mopitlwe 2025- Baagi ba motse wa Tamasikwa, gaufi le Taung, ba re ba itumeletse go bona metsi a kgale ba a labalabela morago ga dikgwedi kgwedi. Se, se tla morago ga gore baagi ba, ba tseye tshwetso ya go katolola sediba sa bo rrabone mogolo se ba ne ba ga metsi mo go sone ka nako ya puso ya tlhaolele. 

Baagi ba tlhalositse fa tlhokego ya metsi mo motseng wa bone, ele yone e ba tlhotlheleditseng go tsaya tshwetso e. Baagi ba tlhalosistse fa go le lobaka ba ntse ba tlhoka metsi mo motseng wa bone, fela masepala wa sedika wa Dr Ruth Segomotsi Mompati o tsweletse go itshela moriti o tsididi. 

Mongwe wa baeteledipele wa baagi, Thabo Sekonyane are metsi ke tlhoba boroko kwa motseng wa bone.  Sekonyane are ba bone fa go le botlhokwa go epa sediba, gonne ba godile ba nwa metsi mo go sone. 

“Re godisitswe ke sediba se, mme madutelo a re nang le one mo motseng, re ne ra a direlwa ke puso ya Bophuthatswana. Porejeke ya metsi e tlile ka ngwaga wa 1995, mo motseng wa rona. Ene ele porojeke go tswa kwa Lefapheng la Water Supply pele ga e tla sitlhamololelwa mo pusong ya ga jaana. 

“Seo se shupa gore ene entse ele projeke e e neng e tshwanetswe ke go tlisiwa mo Tamasikwa. Go bua nnete, metsi a mantsi thata mo motseng wa rona wa Tamasikwa. Metsi a re nang le one, baagi ba Taung ba ka nwa ba be ba siela ba bangwe. Re ka fepa metse yotlhe ya Taung ele 106. Ke fela gore madutelo a rona a metsi ga a dirwa sentle,” Sekonyane wa tlhalosa.       

Sekonyane are fa madutelo a bone a ne a epilwe kwa godimo, go ka be go sena tlhokego ya metsi kwa motseng wa bone. Sekonyane are ba na le dingwaga ngwaga ba tlhoka metsi, mme masepala ga o tsiboge ka nako. 

Kgabagare, majoro wa masepala wa sedika wa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Motseokae Maje are, jaaka masepala, ba amogela gore go na le kgwetlho ya metsi mo sedikeng. Maje are ba bone pegelo go tswa kwa setheong sa Magalies e ba laelang gore madutelo a tshwanelwang ke go neela baagi metsi kwa Tamasikwa a imelwa. 

“Re itsisitswe gore madutelo ga tlhole a kgona go neela baagi botlhe ka kakaretso metsi, mme ba tsitsintse gore go agiwe madutelo a mangwe. Jaanaong, re sentse re seka-seka kakanyo eo gore baagi ba kgone go bona metsi. 

“Re ikuela go baagi gore ba letle gore go dirwe diteko mo metsing a ba epileng, pele ga ba ka anwa,” Maje wa tlhalosa. 

taungdailynews@gmail.com