Kopo ya beile mo kgetsi ya polao kgatlhanong le Simon Molale e tla reediwa kwa kgotlhatshekelong ya Taung

Setshwantsho: Molatofadiwa wa polao, Simon Molale/Facebook

Ka OBAKENG MAJE

Kopo ya beile kgatlhanong le lekawana le le latofadiwang ka go tlhaba le go bolaya lekgarebe la gagwe kwa motseng wa Lokgabeng, gaufi le Taung, e tlile go reediwa kwa kgotlha-tshekelo ya Taung mo letsatsing la gompieno. Seno se tla morago ga gore kgetsi ya polao kgatlhanong le Simon Molale (22), e busetswe morago ke kgotlha-tshekelo ya Taung mo letsatsing la maabane, fa a ne a dira kopo ya beile.

Go begwa fa Medichane a bolailwe ke mokapelo wa gagwe, mme sebakwa sa tiro e, se sa itsiwe. Go ya ka mongwe o boneng ka matlho, lekawana le, lene la tlhabakaka lekgarebe le, mme one a tshaba mo lefelong la tiragalo fa a bona batho.

Fela, go begwa fa ba lelapa la gagwe ba ne ba mo tshwara le go mo isa kwa seteisheneng sa sepodisi sa Taung di ura morago ga tiragalo. 

Kgabagare, sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen are Molale one a tshwarwa le go latofadiwa ka polao ya ga Medichane.

“Ke nnete molatofadiwa mo kgetsing e ya polao o tshwerwe. Molatofadiwa one a isiwa kwa seteisheneng sa sepodisi ke ba lelapa la gagwe.

“One a na le dikgobalo, mme o ile a amogelwa kwa bookelong jwa selegae. Molatofadiwa o lebagane le kgetsi ya polao, mme thipa e e dirisitsweng go bolaya moswi ene ya fitlhelwa kwa lefelong la tiragalo.”

Kgetsi katlhanong le Molale e buseditswe morago go fitlha ka di 26 Phatwe 2024, mo a solofetsweng go dira kopo ya beile.

taungdailynews@gmail.com

Monna o latofadiwang ka go bolaya mokapelo wa gagwe o buseditswe kwa ntlo-lefitshwana

Ka OBAKENG MAJE

Lekawana le le latofadiwang ka go tlhaba le go bolaya lekgarebe la gagwe kwa motseng wa Lokgabeng, gauif le Taung, o tla nama a letile kwa ntlo-lefitshwana. Seno se tla morago ga gore kgetsi ya polao kgatlhanong le Simon Molale (22), e busetswe morago ke kgotlha-tshekelo ya Taung mo letsatsing la maabane, fa a ne a dira kopo ya beile.