Go utswitswe di laptops kwa sekolong sa Reivilo


Ka OBAKENG MAJE 

10 Lwetse 2025- Sepodisi kwa motsesetoropong wa Reivilo, gaufi le Taung, se batlisisa kgetsi ya go tshwara poo. Se, se tla morago ga gore go utswiwe di laptop ga mmogo le dilwana kwa sekolong se segolwane sa Reivilo. 

Go begwa fa banna ba ba sa itsiweng, ba ile ba kgorogela batlhankedi ba tshireletso kwa sekolong fa masigo a Labobedi asa, mme ba ba bofa matsogo. Go begwa fa banna ba, ba ile ba tsena ka kgang kwa kantorong nngwe kwa sekolong, mme ba bula polokelo. 

Sebueledi sa sepodisi mono Bokone Bophirima, Brigadier Sabata Mokgwabone are banna ba, ba ile ba utswa di laptops ga mmogo le dilo dingwe. Mokgwabone are ga gona ope o tshwerweng go fitlha ga jaana. 

“Fela kgetsi e butswe, mme dipatlisiso di tsweletse. Re ikuela go mongwe le mongwe o a ka tswang a na le tshedimosetso mabapi le kgang e, go ka letsetsa sepodisi mo 08600 10111,” Mokgwabone wa tlhalosa. 

Kgabagare, sebueledi sa Lefapha la Thuto mono Bokone Bophirima, Vuyo Motsule o tlhalositse fa a ka arabela dipotso go tswa kwa The Guardian Newspaper morago ga kopano, mme ga ise a dire jalo. 

taungdailynews@gmail.com