Masepala o thapile rakonteraka o motsha go tsweletsa porojeke ya metsi ya Phalaborwa 


Ka OBAKENG MAJE

Molekgotlha wa kwa masepaleng wa sedika wa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Pico Seepamere, yo gape a ikarabelang ka tsa mafaratlhatlha (Infrastructure) are ba setse ba thapile rakonteraka go ka tsweletsa porojeke ya go tsenya dipeipe tsa metsi kwa motsen wa Kolong. 

Se setla morago ga gore masepala yo o inkarabelang ka metsi mo sedikeng, Dr Ruth Segomotsi Mompati, o kgaole tumalano e oneng o na le yone le setlamo se se aparetsweng ke dipuo-puo sa Phalaborwa. 

Go ya ka Seepamere, masepala o bone go le matshwanedi go ka kgaogana le setlamo seo sa Phalaborwa, gonne go begwa fa se paletswe ke tiro ya sone. Gape, go begwa fa setlamo sa Phalaborwa se sa duela badiri ba sone dikgwedi di feta tharo. 

“Re etetse kgotlha ya Batlhaping Baga-Maidi go tla go itsise semmuso rakonteraka wa Ultimate Dynamic mo segosing le mo baaging. Re ntse re kgarakgatsega ka ntlheng ya setlamo se se ntseng se thapetswe porejeke e ya metsi sa Phalaborwa. 

“Ka lesego, re setse re bonetse porojeke e rakonteraka o montsha wa Ultimate Dynamic. Re setse re kopane le kgosi, mme o mo itumeletse. Kgosi wa mo itse le rona ra mo itse, gammogo le ditiro tsa gagwe. Re tsepame mo go thapeng monna o, gonne ditiro tsa gagwe ke tsone di mo buelelang,” Seepamere wa tlhalosa.

Seepamere are ga jaana, ba na le bonnete jwa gore Ultimate Dynamic ga e kitla e ba swabisa jaaka setlamo sa Phalaborwa. Are ba itse ka matshwenyego a badiri ba ba sa duelwang ba setlamo sa Phalaborwa. 

“Re na le badiri ba kgale ba ba ntseng ba dira mo tlase ga setlamo sa Phalaborwa, mme ba na le dikgwedi ba sa duelwe. Jaanong, re batla go ba itsise gore re nnile le tumalano le rakonteraka o motsha gore o tlile go ba duela, ga mmogo le madi a bone a saletseng kwa morago. Mathata a bone a tlile go bona tharabololo.

“Re tla ba itsise gore ba tlile go boela leng kwa tirong le gore batla duelwa leng. Fela ga jaana, re kopile mogolaganyi (consultant) gore a tlhotlhomise ditlankana dingwe le maina a badiri ba, gore ba tle ba duelwe. Re tlile go simolola ka go tsenngwa ga dipeipe e se kgale,” Seepamere wa tlhalosa. 

Seepamere are ba solofela go duela Ultimate Dynamic mo dikgweding di le tharo tse di saletseng kwa morago. Seepamere are porojeke e, e solofetswe go ka konosediwa mo dikgweding di le tharo, mme Batlhaping ba be ba nwa metsi.

Kgabagare, mongwe wa badiri ba ba kolotiwang madi a bone a saletseng kwa morago, Lucas Modise are ga a itumelela tsereganyo e e tlisitsweng ke masepala. Go ya ka Modise, rakonteraka wa Ultimate Dynamic, o ba boleletse gore ene o tlile go ba duela fela morago ga dibeke di le pedi. 

“Ga re a itumela le eseng, gonne rakonteraka o montsha one a bua dilo disele tsa gore o tla re duela mo dibekeng tse pedi tse di tlang. Fela rona jaaka badiri, re batla gore pele ga ditlhopo re be re bone madi a rona,” Modise wa tlhalosa. 

taungdailynews@gmail.com

  

Baagi ba Manthe ba amogela tsereganyo ya masepala mabapi le tlhokego ya metsi


Ka OBAKENG MAJE

Baagi ba motse wa Manthe, gaufi le Taung, ba kaile fa ba itumeletse tsereganyo e e tlisitsweng ke masepala wa sedika wa Dr Ruth Segomotsi Mompati, mabapi le tlhokego ya metsi. Baagi ba, ba tlhotse ba tsenetse kopano le go bona dikarabo go tswa go molekgotlha yo o ikarabelang ka tsa mafaratlhatlha mo komiting ya ya majoro kwa masepaleng, Pico Seepamere.

Le fa kopano e, e batlile e tswa mo taolong morago ga gore gorege setlhotswana sa basimanyana se se ne se lebega se iphantse ka nnotagi go utlwa, mme le sone sa kopa go latlhela tlhware le gonnyana, baagi ka kakaretso, ba kaile fa ba na le dikgwedi di feta supa ba ntse ba tshelela mo lenyoreng.

Mongwe wa baeteledipele wa baagi, Onalenna Setumiso are, baagi ba amogela tsereganyo e e tlisitsweng ke masepala. Go ya ka Setumiso, go lebega fa gontse go na le bante e e sa direng sentle mo pompong nngwe, mme bothata joo bo a baakangwa.

“Re itumeletse gore masepala o tlile ka tharabololo, gonne gone ke nnete ntse go na le mathata ka bante e thusang go pompa metsi. Seepamere ore netefaleditse gore mo letsatsing la kamoso, baagi ba tla be ba nwa metsi. Jaanong, ke nagana gore le rona jaaka rele baagi, re tlile go dira bonnete jwa gore re sala ntlha eo morago. 

“Baagi ba, ba na le dikgwedi di feta supa ba sa bome metsi. Jaanong, sebakwa se sengwe se se amang go pompiwa ga metsi ke kgaogo ya motlakase. O tla gopola gore madutelo a dirisa motlakase gore a kgone go pompa metsi, mme a fetele kwa dipeiping tsa rona gore a tsene kwa dipompong,” Setumiso wa tlhalosa.

Setumiso are gore go nne le metsi a lekaneng, go tlile go tlhokega motlakase. Setumiso are sebakwa se sengwe sa tlhokego ya metsi ke gore, seelo sa lefatshe la bone la motse wa Manthe, se tshekametse kwa karolong ya moseja.

“Jaanong, dipeipi tsa rona fa di leka go fetisetsa metsi kwa dikarolong tse dingwe jaaka Lebonkeng, ga di kgone ka ntlha ya kgaogo ya motlakase. Setlamo se se rebolang metsi sa Magalies Water, se tlile go baakanya bante e senyegile,” Setumiso wa tlhalosa.

Kgabagare, Seepamere are: “Baagi ba itemogetse tlhokego ya metsi dikgwedi tse di mmalwa. Mme go tloga mo mosong wa gompieno, re ntse re tsentse mogatla mo mmung le go bona gore matsapa di a tsaya kae. Jaanong, re ka netefatsa gore gona le bante ya pompo nngwe e e ntse e sa dire. 

“Re ikuetse go setlamo sa Magalies Water gore ba tle go tsenya mafaratlhatlha a tlhokagala. Mme le kamoso ba tla be ba ntse ba le fa ba etse tlhoko gore baagi ba bona metsi. Re na le matsapa a seelo sa motse wa Manthe, gonne gona le karolo e e kwa godimo, mme dipeipi tsa rona ga di kgone go isa metsi kwa madutelong ao ka ntlha ya kgaogo ya motlakase,” Seepamere wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com