Modiri wa bookelo jwa Taung, Phemelo Goiwakae o latofatswa ka go teketa mongwe wa baeti kwa bookelong 


Ka OBAKENG MAJE

Mongwe wa baagi go tswa kwa motseng wa Manthe, gaufi le Taung, Oratile Coetzee, o lela a sa kgaotse, mme o latofatsa mongwe wa badiri ba bookelo jwa Taung, Phemelo Goiwakae ka go mo teketa. 

Seno se tla morago ga gore, Coetzee a tlhalose fa ba ne ba tabogiseditse mongwe wa ditsala tsa gagwe, Paul Lesetedi yo oneng a tlhabilwe ka thipa kwa bookelong go bona thuso ya potlako. 

“Re ile ra fitlha kwa bookelong jwa Taung, mme ra fitlhela badiri bangwe ba robetse. Re ile ra kokotha, mme go sena ope yo o re tlhagang thuso. Go ile ga tsoga kgaruru ma gareng ga rona le badiri bangwe, gonne ba ne ba sa batle go thusa Lesetedi yo oneng a phokga-phokga madi, mme ba mo beile fela mo setulong.

“Ke ne ka bona Goiwakae a robetse morago ga gore a bidiwe ke mongwe wa baoki. Fela, one a latlhelela letsogo, mme a boa a robala. Ke ne ka ntsha mogala wa letheka, mme ka ba tshosetsa ka gore ke isa kgang e kwa dikuranteng,” Coetzee wa tlhalosa. 

Coetzee are fela one a kgorogelwa ke Goiwakae, mme a mo latofatsa ka go mo tsaya ditshwantsho. Coetzee are, gone ga tsoga kgaruru magareng ga gagwe le Goiwakae.

“Goiwakae one a nkitaya ka seatla se se bulegileng, mme a tsaya mogala wa me wa lethaka a o roba. O ile a o latlhela fa fatshe morago ga moo. Ke ile ka leka go ya go bula kgetsi kwa sepodising, fela botsamaisi jwa bookelo bone jwa ntetsetsa go tla go buisana ka kgang e mo letsatsing le le latelang,” Coetzee wa tlhalosa.    

Mokhuduthamaga wa Boitekanelo mono Bokone Bophirima, Madoda Sambatha, one a kgala tiragalo e ka bogale. Sambatha are ga gona modiri ope yo o nang le tetla ya go teketa motho mongwe le mongwe o etelang setheo. 

“Santlha se ke batlang go se totobatsa ke gore, ga gona ope yo tshwanelwang ke go robala mo tirong. Se se tsenyeletsa le badiri ba ba dirang bosigo. Sa bobedi ke gore, ga gona modiri ope wa lefapha o nang le tetla ya go teketa batho ba ba tlang kwa ditheo tsa rona. 

“Modiri o, o thapilwe ke lefapha go ka neelana ka ditirelo go baagi, mme ene o bone go le botokwa gore a tlhasele baeti ba rona. Jaanong, seo se farologane thata le se a se thapetsweng kwa setheong sa rona,” Sambatha wa tlhalosa. 

Sambatha are, bookelo bo tshwanetswe ke go tsaya dikgato tse di gagametseng kgatlhanong le Goiwakae. Gape are, botsamaisi jwa bookelo bo tshwanetswe ke go netefatsa fa ntlha eno e rarabololwa ka bonako. 

“Botsamaisi jwa bookelo jwa Taung, bo tshwanetse gape ke go tsaya dikgato kgatlhanong le badiri botlhe ba ba robalang mo tirong,” Sambatha wa tlhalosa.

Kgabagare, go begwa fa Goiwakae a ile a neelwa lekwalo-kgalemo la bofelo (final written warning) ke botsamaisi jwa bookelo morago ga tiragalo e.  

taungdailynews@gmail.com