Mosetsanyana wa kwa Modutung oneng a nyeletse mme a fitlhelwa a bolailwe, o fitlhilwe gompieno fa baagi ba le mo letsholong la go batla badiri ba tiragalo e


Setshwantsho: Rethabile Molapo o neng a timetse le go bolawa o fitlhilwe  

Ka OBAKENG MAJE

20 Diphalane 2024- Ngwana wa dingwaga di le 11, oneng a fitlhelwa a bolailwe morago ga go timela kwa motseng wa Modutung, gaufi le Taung, o tlhotse a fitlhilwe mo letsatsing la gompieno. Go begwa fa Rethabile Molapo a ne a romiwa ke mmagwe go ya go tsaya seaparo sa kereke kwa gagabo ka Lamatlhatso o fetileng, mme one a thopiwa ke batho ba ba sa itsiweng.

Go ya ka dipego, batho bao, ba ile ba mo gogela kwa ntlung nngwe e e sa nneng batho, mme ba mo bolaya, pele ga ba ka mo fisa. Setopo sa ga Molapo se ile sa bonwa ke modisa mongwe o a ileng a bona go tuka molelo kwa ntlwana-boithusetso kwa ntlung eo.

Sebueledi sa sepodisi mo Bokone Bophirima, Brigadier Sabata Mokgwabone are: “Modisa o, o ile a leka go tima molelo mme one a bona setopo sa mosetsanyana o. O ile a bitsa bangwe ba baagi, ga mmogo le sepodisi. Go ile ga fitlhelwa setopo sa ga Molapo se se sheleng mohama.

“Kgetsi ya morago ga loso e ile ya bulwa ke sepodisi, mme go fitlha ga jaana, dipatlisiso di tsweletse,” Mokgwabone wa tlhalosa.     

Mmagwe Rethabile Molapo, eleng Keseneilwe Jackson are o utlwisitswe botlhoko ke tiragalo e. Jackson are badiri ba tiragalo e, ba setlhogo.

“Re bone ngwana bagolo, mme re ile ra tlhalosetswa gore ngwana ga nkitla a kgona go dula go fitlhelela dibeke tse di tlang, gonne one a setse a senyegile. Ke ka moo re mo fitlhang gompieno. Mme re ikuela go baagi go tlisa dithuso dingwe le dingwe tse ba tla di kgonang.

“Tota kgang e ya go bolawa ga ngwanake ga ya ntshwara sentle. Ke fela gore fa o le motsadi, o tshwanetse gore o eme ka dinao o lwanele ngwana wa gago,” Jackson wa tlhalosa.

Jackson are o botlhoko mo pelong gore ngwana o kana a ka bolawa setlhogo jaana. Are bogolo badiri ba tiragalo e, ba kabe ba tshotse ene.

“Tota o ka se itse gore ke eng tiragalo e, e diragetse mme mo lefatsheng ga nke motho a itse gore manaba a gagwe ke bo mang.

“Se ke se itseng ke gore fa o le motho o ka se tshele ntle le dira. Le Jesu Kreste le ene o ile a rekisiwa ke ba a neng a ja le bone mo sejaneng,” Jackson wa tlhalosa.

Moeteledipele wa baagi, Kenneth Jampane are: “Matsapa ke gore, ga re ise re nne le netefaletso ya gore re ka shupa mang ka monona, mme re tshwere bopaki jo re tla bo bayang mo tafoleng. Fela jaaka ke ne ke buile mo malobeng kere tiro e tshwana le e, e tsenyeleditseng botegeniki jwa boloi, go bonagala gore go setse go eme fela jalo.

“Gona le botegeniki jwa boloi jo bo dirisitsweng gore go nne le tiragalo e ya gore ngwana a tsewe. Tota re bua fela jana, mme ga nkitla re upulola dilo tse dingwe tse re di tsayang gore di bosisi thata gore di ka tswela mo setshabeng,” Jampane wa tlhalosa.

Jampane are mme tse dingwe tsa tsone ke dintlha dingwe tse go tshwanetswe gore di tsewe semolao go fitlhelela tharabololo. Jampane are o sentse a ipoeletsa gore ba tshwanetse go ka kopana jaaka baagi, mme ba dire mmogo, gonne se se diragalang se dirwa ke bangwe ba baagi.

Kgabagare, go begwa fa baagi batswile letsholo le go fisa matlo mangwe a bangwe ba batho ba ba ba belaelang fa ba amega mo tiragalong e ya go thopiwa ga ngwana.

taungdailynews@gmail.com