
Ka KEDIBONE MOLAETSI
2 Motsheganong 2025- Sepodisi sa Taung se butse kgetsi ya morago ga loso. Se se tla morago ga dipego tsa gore lekgarebe la kwa motseng wa Ditshilong, gaufi le Taung, le ipolaye. Go ya ka dipego, go ile ga tsoga nganyisano magareng ga moswi, Omphile Chweu (18), ga mmogo le batsadi ba gagwe ba ba neng bam o kgalemelela go ya kwa ntlung e rekisang nnotagi.
Fela go begwa fa seo se ile sa se tseye Chweu sentle, mme a itswalela mo phaphosing ya gagwe ga borobalo mo go begwang fa a ile a nwa bolthole jo bo dirisiwang go bolaya tlhaga kgotsa matokwane.
Sebueledi sa sepodisi mono Bokone Bophirima, Colonel Adele Myburgh are, moswi one a rwalelwa kwa bookelong jwa sedika jwa Taung go bona thuso ya potlako. Myburgh are go begwa f aka maswabi, Chweu a ile a tlhokafala fa kgwedi ya Moranang ene e tlhola matsatsi a le 24.
“Sepodisi si ile sa biletswa kwa bookelong kwa se ileng sa bontshiwa setopo sa ga Chweu. Kgetsi ya morago ga loso e ile ya bulwa,” Myburgh wa tlhalosa.
Kgabagare, go begwa fa Chweu a tla bolokiwa mo letsatsing la kamoso.