
Ka KEDIBONE MOLAETSI
3 Phatwe 2026 – Mosadi wa dingwaga di le 32, o tshwerwe morago ga ditatofatso tsa go tshela mosadi mongwe (32) ka metsi a belang kwa motsesetoropong wa Huhudi kwa Vryburg. Go begwa fa go ile ga tsoga tlhatlharuane magareng ga basadi ba kwa Phola Park, Rosendal ka Labotlhano thapama.
Sebueledi sa sepodisi mono porofeseng ya Bokone Bophirima, Sarasanta Kelebogile Morake are sepodisi se ile sa bilediwa kwa lefelong la tiragalo kwa ba fitlhetseng mosadi wa dingwaga di le 32 ka dintho tse di tsitsibanyang mmele tsa go sha mo mmileng wa gagwe. Morake are motswasetlhabelo o ne a palelwa le ke go bua ka mokgwa o a neng a shele ka teng.
“Sepodisi se ile sa bitsa ba thuso ya potlako go rwalela mosadi o kwa bookelong go bona thuso ya potlako. Mmelaelwa mo tirong e, o solofetswe go shadikanya matlho fa pele ga magistrata wa Vryburg mo letsatsing la gompieno mabapi le ditatofatso tsa maiteko a polao,” Myburgh wa tlhalosa.
Kgabagare, mokomishinara wa sepodisi mono porofenseng ya Bokone Bophirima, Lieutenant General Arthur Adams o kgadile tiragalo e ka bogale. Adams o ikuela go baagi go rarabolola mathata a bone sentle ntle le dintwa.
“Ga gona ope o nang le tshwanelo ya go tsenya botshelo jwa mongwe mo kotsing ka ntlheng ya diphapang tsa bone. Gape, ke batla go akgola sepodisi ka tiro e manontlhotlho go tshwara mmelaelwa,” Adams wa tlhalosa.