
Ka OBAKENG MAJE
16 Ferikgong 2015- Kgetsi ya polao kgatlhanong le lekawana la kwa motseng wa Lokgabeng, gaufi le Taung, e buseditswe morago go fitlha ka di 17 Tlhakole 2025. Simon Molale (22), yo a latofadiwang ka go tlhaba le go bolaya lekgarebe la gagwe, Tshepiso Medichane (21), o tla nama a letile kwa ntlo-lefitshwana morago ga go ganelwa ka beile ke kgotlha-tshekelo ya Taung.
Go begwa fa Molale a ne a tlhaba Medichane le go mo bolaya, mme one a tshaba kwa lefelong la tiragalo morago a go bona batho.
Fela, go begwa fa ba lelapa la gagwe ba ne ba mo tshwara le go mo isa kwa seteisheneng sa sepodisi sa Taung di ura morago ga tiragalo e. Go begwa fa Molale a lekile go tsaya botshelo jwa gagwe pele ga ba lelapa la gagwe ba ka mo neela sepodisi ka motsi o.
Molale o ile a amogelwa kwa bookelo jwa selegae jwa Taung morago ga magatwe a gore o ile a itlhaba ka thipa.
Kgabagare, sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen are Molale one a tshwarwa le go latofadiwa ka polao ya ga Medichane.
“Ke nnete molatofadiwa mo kgetsing e ya polao o tshwerwe. Molatofadiwa one a isiwa kwa seteisheneng sa sepodisi ke ba lelapa la gagwe.
“One a na le dikgobalo, mme o ile a amogelwa kwa bookelong jwa selegae. Molatofadiwa o lebagane le kgetsi ya polao, mme thipa e e dirisitsweng go bolaya moswi ene ya fitlhelwa kwa lefelong la tiragalo.”
Go fitlha ga jaana, bosekisi bo tlhalositse fa bo setse bo emetse dipholo tsa diteko tsa thipa e go begwang fa Molale a e dirisitse go bolaya Medichane, mme dipatlisiso mo kgetsing di a tswelela.
