Monna wa kwa Shaleng o latofadiwa ka go rema mmagwe ka selepe le go mo tlhaba ka thiba go fitha a tlhokafala


Ka OBAKENG MAJE

23 Sedimonthole 2024- Monna wa dingwaga di le 26 wa kwa motseng wa Shaleng, gaufi le Taung, o solofetswe go tlhagelela kwa kgotlha-tshekelo ya Kgomotso mo letsatsing la gompieno. Monna o, o lebagane le kgetsi ya polao le maikaelelo a polao.

Se se tla morago ga gore a latofadiwe ka go rema mmagwe ka selepe le go mo tlhaba ka thiba go fitlha a tlhokafala ka di 21 Sedimonthole 2024. Gape, go begwa fa mmelaelwa a ile a tlhaba kgaitsadie ka thipa.

Sebueledi sa sepodisi mo Bokone Bophirima, Lieutenant Colonel Sam Tselanyane, are go begwa fa mmelaelwa a ne a tsena kwa ntlung le go batla madi mo go mmagwe ka dikgoka. Tselanyane are mmagwe mmelaelwa, one a letsetsa ngwana wa gagwe wa mosetsanyana, Masego Gabadise go tla go mo thusa.

“Go begwa fa Masego a ne a fitlhela mmelaewa a teketa mmagwe. O ile a leka go tsireganya, fela go begwa fa mmelaelwa a ile a mo tsogela kgatlhanong le go mo tlhasela.

“Go begwa fa a ile a ntsha thipa, mme a mo tlhaba. Go ya ka dipego, Masego o ile a tabogisediwa kwa bookelo go bona thuso ya potlako,” Tselanyane wa tlhalosa.

Tselanyane are go begwa fa mmelaelwa a ile a tlhasela mmagwe ka selepe le go mo tlhaba ka thipa. Go begwa fa mmelaelwa a ile a sia kwa lefelong la tiragalo.

“Mmelaelwa o ile a tshwarwa, mme o solofetswe go tlhagelela kwa kgotlha-tshekelo,” Tselanyane wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com