Maloko a le mararo a kwa Shaleng a fitlhilwe, fa molatofadiwa a boela kwa kgotlha-tshekelo go dira kopo ya beile


By OBAKENG MAJE

25 Ngwanatsele 2024- Monna wa kwa motseng wa Shaleng, gaufi le Taung, o a latofadiwang ka go bolaya rragwe, Mosimanegape Kale (74), mmagwe eleng Phodisho Kale (68), ga mmogo le kgaitsadie, Bonolo Kale (27), o solofetswe go dira kopo ya beile kwa Kgotlha-tshekelong ya Kgomotso mo letsatsing la gompieno.

Molatofadiwa, Olebogeng Mampe Kale (33), o latofadiwa ka go ngata rragwe, mmagwe le kgaitsadie ka molamu mo ditlhogong, mme a ba bolaya ka gagwe dibeke di le pedi tse di fetileng.  

Go ya ka sebueledi sa sepodisi mo Bokone Bophirima, Colonel Adele Myburgh, Kale one a tsena kwa gagabo, mme a fitlhela ba losika la gagwe ba dutse mo tafoleng e go nwelwang mogodungwana mo go yone kwa mogwafatsheng wa bone. Myburgh are Kale o ile a ngata batsadi ba gagwe le kgaitsadie ka molamu mo ditlhogong.

“Go begwa fa maloko mangwe a losika ba ne ba tshaba ka letlhaba-phefo go efoga tiragalo e. Ba ile ba siele kwa baagisanyeng le go kopa thuso. Go begwa fa maloko mangwe a baagi, ba ile ba tswa letsholo le go batlana le monna o, morago ga gore a tsene ka lenga la seloko.

“Ba ile ba mo tshwara ka Lamatlhatso ka ura ya borataro mo mosong le go mo neela sepodisi. Ba thuso ya potlako ba ile ba bidiwa, mme ba netefatsa fa baswi ba tlhokafaletse kwa lefelong la tiragalo,” Myburgh wa tlhalosa.

Mokomishinara wa sepodisi mo Bokone Bophirima, Lieutenant General Sello Kwena, o ile a kgala tiragalo e e setlhogo e ka bogale. Kwena o ile akgola baagi morago ga go thusana le sepodisi mo go tshwareng molatofadiwa.

Kgabagare, baswi ba ile ba fitlhiwa ka Lamatlhatso teng kwa motseng wa Shaleng. Molekgotlha kwa masepaleng o mogolwane wa Taung, Itumeleng Maribe are, baagi ba le bantsi ba ile ba tlhalosa fa ba belaela gore molatofadiwa a ka tswa a ne a le mo tlase ga tshushumetso ya diritibatsi fa a ne a dira tiro e.

“Ba ikuetse go puso go ka bolotsa ntwa kgatlhanong le tiriso e botlhatswa ya diritibatsi. Baagi ba re jaaka puso e boloditse ntwa kgatlhanong le mabenkele a rekisang dijo tse di fetilweng ke nako, e tshwanetse gore e dire fela jalo kgatlhanong le tiriso e botlhatswa ya diritibatsi.

“Jaanong, ba tlhalositse gore botlhe ba ba rekisang diritibatsi, ba tshwarwe mme molao o tseye karolo. Ba re diritibatsi di senya bokamoso jwa basha ba le bantsi, mme seo se tseelwe tlhogong. Ba re basha botlhe ba ba dirisang diritibatsi, ba tshwanetse gore ba thusiwe, mme Lefapha la Katlatlelo-Loago le lone le thuse,” Maribe wa tlhalosa.

Are ba tlile go dirisana le sepodisi go ka leka go reba ditiragalo tse di ntseng jaana gore di se tlhola di diragala. Maribe are jaaka masepala, ba ile ba etela lelapa mogare ga beke le go neelana ka dithuso.

taungdailynews@gmail.com