DA e amogela go tshwarwa gape ga motshabi wa Rooigrond


Ka OBAKENG MAJE

14 Lwetse 2026 – Lekoko la sepolotiki la Democratic Alliance (DA) mono Bokone Bophirima, le amogetse go tshwarwa gape ka bonako ga ga Edward Khomotso Madiba, yo o neng a tshaba kwa kgolegelo ya Rooigrond kwa Mahikeng. Lekoko la DA la re le batla dikarabo mabapi le go tshaba ga ga Madiba kwa kgolegelo e e sireletsegileng.

Moeteledipele wa DA mono Bokone Bophirima, Freddy Sonakile yo gape e leng leloko la Kwokwanotheo-molao, o lebogile setlhopa sa babatlisise sa bosetshaba, ditheo tsa tiragatso ya molao le botlhe ba ba nnileng le seabe mo go netefatseng gore Madiba o busediwa kwa kgolegelong.

“Re itumetse thata gore Madiba a tshwarwe gape pele ga mongwe a ka gobadiwa. Le fa go ntse jalo, go tshwarwa ga gagwe gape ga go fedise kgang. Jaaka DA, re tla leta diphitlhelelo tsa dipatlisiso tsa Lefapha la Kgopololo mabapi le maemo a a dikologileng go tshaba ga gagwe.

“Gape, re tla tswelela ka loeto la go netefatsa fa batshwarwa bas a ngwege kwa setheong sa kgopololo ya batshwarwa kwa Rooigrond. Tiragalo eno, e ka nna sesupo sa mathata a a anameng a a amanang le mafaratlhatlha a lefelo leo, ditsamaiso tsa pabalesego le botsamaisi,” Sonakile wa tlhalosa.

Sonakile are tiragalo eno e ka nna ya bontsha dikgwetlho tse di fetang mo go badiri ka bongwe fela, mme di akaretsa mafaratlhatlha, ditsamaiso tsa pabalesego, botsamaisi le seemo ka kakaretso sa lefelo leo. Sonakile are loeto lwa DA lwa tlhokomelo le botlhokwa segolo jang ka ntlha ya diphitlhelelo tsa sesheng tsa South African Human Rights Commission (SAHRC) tse di amanang le maemo le go dira ga mafelo a dikgolegelo mono Bokone Bophirima.

“Setšhaba se tshwanetswe ke go fiwa tlhaloso e e tletseng ya se se diragetseng le gore a go ne go na le diphoso tsa tsamaiso tse di nnileng le seabe mo go tshabeng ga ga Madiba. Setšhaba se tlhoka go itse go feta fela gore motshabi o tshwerwe gape. Se tlhoka dikarabo tsa gore go tlile jang gore a kgone go tshaba, gore ke mang yo o ikarabelang, gore a go ne go na le diphoso tsa tsamaiso, le gore go dirwa eng go netefatsa gore seno ga se kitla se diragala gape.

“Re tlile go dirisa maikarabelo a rona a tlhokomelo go bona gore dintlha tsotlhe di a tlhomamisiwa le gore diphoso di rarabololwa ka tshwanelo. Madiba o boetse mo kgolegelong. Jaanong dipotso tse di mabapi le Rooigrond di tshwanetse go arabiwa,” Sonakile o buile jalo.

taungdailynews@gmail.com

Setshwantsho: Motshabi wa kwa setheong sa kgopololo sa Rooigrond, Edward Khomotso Madiba