Monna o latofadiwang ka go ja polony ya bana o atlholetswe dingwaga di le 18 mabapi le polao  


Ka REGINALD KANYANE

20 Motsheganong 2025- Monna wa dingwaga di le 21, wa kwa motseng wa Manokwane, gaufi le Taung, o kolopetswe dingwaga di le 18 kwa ntlo-lefitshwana ke kgotlhatshekelo ya Taung. Se setla morago ga gore Thato Darlington Lekaowa a tlhabe le go bolaya malomagwe, Jonas Othusitse Lekaowa (46) ka thipa.

Sebueledi sa bosekisi (National Prosecuting Authority) sa kgaolo mo Bokone Bophirima, Sivenathi Gunya are tiragalo e, e diragetse fa Tlhakole a ne a tlhola matsatsi a le 14 ka ngwaga wa 2020. Gunya are go ile ga runya kgakgauthano ya mafoko magareng ga Thato le moswi, Onthusitse.

“Go begwa fa Thato a ne a kgalemelwa ke mamalomagwe morago ga go ja polony ya bana ya sekolo. Se, se ile sa baka bosula jo botseneletseng magareng ga Thato le malomangwe. Go begwa fa Thato a ne a tlhaba malomagwe ka thiba mo mokwatleng.

“Go begwa fa Thato a ne a tsena ka lenga la seloko morago ga tiragalo. Moswi one a tabogisetswa kwa bookelong, fela one a begwa fa a setse a ragile kika mo kgorogong ya gagwe kwa bookelong. Kgetsi ya polao e ile ya bulwa kgatlhanong le Thato, mme o ile a tshwarwa,” Gunya wa tlhalosa.

Gunya are Thato one a neelwa beile. Gunya are fela Thato o ile a palelwa ke go tlhagelela kwa kgotlhatshekelo, mme seo se ile sa lebisa kwa go rebolweng ga lekwalo-tshwaro kgatlhanong le ene.

“Thato o ile a tshwarwa gape, mme a dula kwa ntlo-lefitshwana go fitlhelela a atlholwa. Le fa go ile ga nna le tiego mo kgetsing e, kwa bofelong e ile ya tswelela.

“Thato one a bega fa a sena molato, fela mosekisi, Rebaona Mokgopa, o ile a neelana ka bopaki jo bo kwenneng kgatlha le ene. Gape Mokgopa, o ile a bontsha fa Thato a sa bontshe maikotlhao a tiro e a e dirileng,” Gunya wa tlhalosa.

Magistrata, Bhuti Zulu o ile a tlhalosa bomasisi jwa kgetsi e, mme a tlhalosa fa dikgotlhatshekelo di tshwanelwa ke go tsaya dikgato tse di gagametseng kgatlhanong le ba ba molato. Zulu are bosenyi jwa mothale o, bo tlisa go sa iketla mo baaging.

Kgabagare, tlhogo ya bosekisi mo Bokone Bophirima, Dr Rachel Makhari, o akgotse babatlisisi ba kgetsi ga mmogo le bosekisi.

“Katlholo e, e tla romela molaetsa o gagametseng le go lemosa badiri ba bosenyi gore NPA e tsaya dikgato kgatlhanong le bosenyi,” Makhari wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com