
Ka OBAKENG MAJE
14 Diphalane 2024- Kgetsi ya polao kgatlhanong le lekawana la kwa motseng wa Lokgabeng, gaufi le Taung, e buseditswe morago go fitlha ka di 5 Ngwanatsele 2024. Simon Molale (22), o a latofadiwang ka go tlhaba le go bolaya lekgarebe la gagwe, Tshepiso Medichane (19), o tla nama a letile kwa ntlo-lefitshwana morago ga go ganelwa ka beile ke kgotlha-tshekelo ya Taung.
Go begwa fa Molale a ne a tlhabakaka Medichane le go mo bolaya, mme one a tshaba kwa lefelong la tiragalo fa a bona batho.
Fela, go begwa fa ba lelapa la gagwe ba ne ba mo tshwara le go mo isa kwa seteisheneng sa sepodisi sa Taung di ura morago ga tiragalo e.
Kgabagare, sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen are Molale one a tshwarwa le go latofadiwa ka polao ya ga Medichane.
“Ke nnete molatofadiwa mo kgetsing e ya polao o tshwerwe. Molatofadiwa one a isiwa kwa seteisheneng sa sepodisi ke ba lelapa la gagwe.
“One a na le dikgobalo, mme o ile a amogelwa kwa bookelong jwa selegae. Molatofadiwa o lebagane le kgetsi ya polao, mme thipa e e dirisitsweng go bolaya moswi ene ya fitlhelwa kwa lefelong la tiragalo.”