
Ka OBAKENG MAJE
11 August 2025- Motshini o ntshang madi (ATM) o phatlhotswe ka bomo kwa lebenkeleng la ga NJ Smits kwa motseng wa Manthe, gaufi le Taung, ka masa a letsatsi la Tshipi. Go begwa fa banna ba le bararo, ba ne ba kgorogela badiri ba le babedi ba ba neng ba le mo teng ga lebenkele, mme ba ba kopa gore ba bule.
Fela go begwa badiri ba, ba ne ba latola nnyaa ya banyana. Go begwa fa banna ba bararo ba, ba ile ba ikadima kgoro, mme ba e roba.
Sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen are, dipego di shupa fa badiri ba, ba ile ba tobetsa alarm le go itsise mong wa lebenkele ka tiragalo e. Van Rooyen are badiri ba, ba ile ba tlhanola direthe fa ba lemoga gore banna ba bararo ba, ba kgonne go roba kgoro ya lebenkele le go tsena mo teng.
“Go begwa fa mong wa lebenkele a ile a letsetsa sepodisi. Fela banna ba bararo ba, ba ile ba tsaya motsoko o lekanyediwang go R10 000 ga mmogo le madi a seatleng a go sa itsiweng palo ya one morago ga go phatlhola motshini o ntshang madi.
“Go begwa fa banna ba le bararo ba, ba ile ba tsena ka lenga la seloko morago ga tiragalo e. Sepodisi se ile sa goroga kwa lefelong la tiragalo, mme ba fitlhela fa tshenyo e setse e diragetse,” van Rooyen wa tlhalosa.
Van Rooyen are ga gona ope o tshwerweng go fitlha ga jaana, mme dipatlisiso di tsweletse. Van Rooyen are ba ikuela go mongwe le mongwe o a ka tswang a na le tshedimosetso mabapi le kgang e go ka letsetsa sepodisi.