Kgetsi ya polao ya kwa Majaneng e buseditswe morago

Ka OBAKENG MAJE

22 August 2025- Kgetsi ya polao kgatlhanong le molatofadiwa, Motseothata Seoleseng (35) wa kwa motseng wa Majaneng, gaufi le Taung, e buseditswe morago ke kgotlhatshekelo ya Taung go fitlha 9 Lwetse 2025. Go begwa fa kgotlhatshekelo e ntshitse lekwalo-tshwaro kgatlhanong le Tshotlhego mabapi le go sa iponatse kwa kgotlhatshekelo fa a tlhokega.

Seoleseng one a tshwara le go latofadiwa ka go tlhaba le go bolaya tsala ya gagwe, Mosimanegape Adam van Wyk (31), ka thiba.

Go begwa fa Seoleseng ga mmogo le moswi, ba ne ba le mmogo, mme ba ile ba ya kwa gabo molatofadiwa ko ba fitlhetseng morwa rragwe molatofadiwa, Tshotlhego, a na le lekgarebe la gagwe.

Mongwe wa bo maratahelele wa tlhalosa: “Go begwa fa go ile ga runya kgakgauthano ya mafoko ma gareng ga molatofadiwa le monnawe. Sebakwa sa kgakgauthano ke gore, molatofadiwa one a botsa monnawe gore goreng a tlisa lekgarebe kwa gagabo.

“Ene ya re fa e ya matsogong, tsala ya molatofadiwa, van Wyk a leka go tsiriganya. Fela go begwa fa molatofadiwa a ne a mo tsogela kgatlhanong, mme a mo tsatsanka ka thipa. Go ya ka dipego, moswi one a rwalelwa kwa bookelong jwa sedika jwa Taung, fela one a balelelwa le badimo mo letsatsing la Tshipi.”

Go begwa fa kgetsi ya polao ene ya bulwa, mme mmelaelwa one a tshwarwa.

Kgabagare, sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen are kgetsi ya polao e butswe.

taungdailynews@gmail.com

Kgetsi ya polao ya kwa Majaneng e buseditswe morago

Ka OBAKENG MAJE

7 Phukwi 2025- Kgetsi ya polao kgatlhanong le molatofadiwa, Motseothata Seoleseng (35) wa kwa motseng wa Majaneng, gaufi le Taung, e buseditswe morago ke kgotlhatshekelo ya Taung go fitlha fa Phukwi a tlhola matsatsi a le 29. Se, se tla morago ga gore mongwe wa dipaki mo kgetsing e, Tshotlego Seoleseng, a se iponatse makgetlhonyana kwa kgotlhatshekelo.

Go begwa fa kgotlhatshekelo e ntshitse lekwalo-tshwaro kgatlhanong le Tshotlhego mabapi le go sa iponatse kwa kgotlhatshekelo fa a tlhokega. Seoleseng one a tshwara le go latofadiwa ka go tlhaba le go bolaya tsala ya gagwe, Mosimanegape Adam van Wyk (31), ka thiba.