Motsamaisi wa maloba wa kwa Boxer Liquor Store mono Taung o boela kwa kgotlhatshekelo


Setshwantsho: Molatofadiwa, Tebogo Romeo Mahusi/Facebook

Ka OBAKENG MAJE

19 Diphalane 2026 – Motsamisi wa maloba wa lebenkele la Boxer Liquor Store mono Taung, Tebogo Romeo Mahusi (32), o solofetswe go tlhagelela kwa kgotlhatshekelo ya sedika mono Taung. Mahusi yo o mo beileng ya R1000, o ne a tshwarwa mabapi le ditatofatso tsa go betelela modiri wa mosadi wa teng kwa Boxer Liquor Store.

Go begwa fa modiri wa dingwaga di le 20, teng kwa Boxer Liquor Store, a ne a tsweletse ka tiro ya gagwe ya go paka dilo fa motsamaisi a ne a mo biletsa kwa kantorong ya gagwe ka Lamatlhatso motshegare. Go begwa fa go tseneng ga bone kwa kantorong eo, Mahusi o ile a lotlela lebati la kantoro.

Go begwa fa e ne ya re fa modiri o a sentse a maketse gore go diragalang, ke fa Mahusi a mo phamola a mo atla ka pateletso. Go begwa fa Mahusi a ile a mo fekeetsa ka maatla, mme a mo apola borokgwe.

Go begwa fa Mahusi a ile a mo rapamisa mo tafoleng le go mo betelela a mo tlhaga kwa morago.

Kgabagare, go solofetswe go tsenela ditheetso tsa pele ga tsheko mo letsatsing la gompieno.

taungdailynews@gmail.com