Monna o tlhokafetse kwa Cokonyane morago ga go wa mo terekereng ya mophato


Ka OBAKENG MAJE

30 Ngwanatsele 2025- Monna wa dingwaga di le 80 o tlhokafetse morago ga go gatiwa ke terekere e ba neng ba e palame kwa tseleng ya D210 kwa Sloja kwa motseng wa Cokonyane, gaufi le Taung, mo letsatsing la maabane. Go begwa fa terekere eo, e ne e pegile batho ba ba neng ba ya kwa mophatong.

Sebueledi sa sepodisi mono sedikeng wa Dr Ruth Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer, Tryphosa van Rooyen are go begwa fa mokgweetsi wa terekere eo, a ile a emisiwa le go itsisiwa fa a gatile motho. Van Rooyen are go bontsha fa mopalami o wa terekere, a ile a wa mo go yone, mme a gatiwa ke leotwana la kwa morago.

“Go butswe kgetsi ya polao ntle le maikaelelo, mme ga gona ope o tshwerweng. Moswi o ile a netefadiwa ke morwadie gore ke mang,” van Rooyen.

taungdailynews@gmail.com