Monna o tlhokafetse morago ga go thulwa ke sejanaga ka letsatsi la gagwe la matsalo


Ka OBAKENG MAJE

31 Mopitlwe 2025- Monna wa dingwaga di le 24, o tlhokafetse morago ga go thulwa ke sejanaga fa masigo a Tshipi a ne asa kwa motseng wa Mokassa 2, gaufi le Taung. Otlotleng Semaseko yo o belegweng ka di 30 Mopitlwe 2001, o ile a thudilwa ke sejanaga ka letsatsi la gagwe la matsalo, mme a tlhokafalela kwa lefelong la tiragalo.

Sebueledi sa sepodisi, Colonel Adele Myburgh o bega fa mokgweetsi wa sejanaga se se thudileng Semaseko, a ile a le botsa phokoje morago ga tiragalo. Myburgh are sepodisi se tsweleditse dipatlisiso, mme go ile ga bonwa makgetlhe a sejanaga kwa lefelong la tiragalo.

“Ke nnete, kgetsi ya polao ntle le maikaelelo e butswe kwa seteisheneng sa sepodisi sa Taung. Moswi o ile a tlhokafalela kwa lefelo la tiragalo,” Myburgh wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com

Monna o tshwerwe ka dinku tse go belaelwang ele tsa bogodu kwa Rooiwal


Ka OBAKENG MAJE

Monna wa dingwaga di le 24, o solofetswe go shadikanya matlho fa pele ga kgotlhatshekelo ya Taung mo letsatsing la Labobedi. Seno se tla morago ga gore a tshwarwe ka dinku di le thataro tse go belaelwang ele tsa bogodu kwa motseng wa Rooiwal, gaufi le Taung.

Sebueledi sa sepodisi sa sedika sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen are, molatofadiwa Thatayaone Monnahela, one a tshwarwa ka dinku tse go belaelwang ele tsa bogodu ka Laboraro.

“Dinku tseo, di ile tsa busediwa mong wa tsone morago ga gore a supe fa ele tsa gagwe,” van Rooyen wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com