
Setshwantsho: Moswi, Letlhogonolo Bogosi
Ka OBAKENG MAJE
Monna wa dingwaga di le 22 wa kwa motseng wa Nommer 1, gaufi le Taung, o tshwerwe go latela polao ya ga Letlhogonolo Bogosi wa dingwaga di le 33. Go begwa fa go ile ga runya ntwa kwa mmileng kwa Nommer 1 mo letsatsing la Lamatlhatso, mme Bogosi o ile a leka go thiba ntwa eo.
Fela go begwa fa mmelaelwa a ile a tlhaba Bogosi ka thipa mo sehubeng, mme a mmolaya ka gangwe.
Sebueledi sa sepodisi mo Bokone Bophirima, Colonel Adele Myburgh are, sepodisi se ile sa bilediwa kwa lefelong la tiragalo. Myburgh are fela ba ile ba fitlhela setopo sa ga Bogosi.
“Kgetsi ya polao e ile ya bulwa kgatlhanong le mmelaelwa, mme ene o ile a tshwarwa. One a latofadiwa ka polao.
“Mmelaelwa o solofetswe go ka shadikanya matlho kwa kgotlha-tshekelo ya Taung mo letsatsing la Mosupulogo, fa dipatlisiso mo kgetsing di tswelela,” Myburgh wa tlhalosa.
